Breaking News

Moagi o ganetsa dipego

17 May 2020

Motshwarelela mokwaledi wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo,  Mme Baile Moagi a re ga se boamaaruri gore goromente o dirisitse P2.4 billion go reka melemo le didirisiwa tse dingwe tsa botsogo kwa China.

Mme Moagi o buile jalo ka Sontaga, a tsibogela dipotso tsa babega dikgang jaaka a ne a lekodisa ka se se dirwang go tokafatsa ditlamelo tsa botsogo le boitekanelo, morago ga go kgorelediwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19.

A re madi otlhe a dirisitsweng mo nakong eno go reka didirisiwa tsa botsogo go tsibogela bolwetse jwa COVID-19 ke P131 million.

Mme Moagi a re bontlha bongwe jwa madi a dirisitswe, a P35 million a dirisitswe mo dikomponeng tsa Batswana go reka dithoto tsa botlhokwa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19.

“Re santse re emetse didirisiwa tse dingwe tsa madi a P80 million tse di rekilweng kwa lefatsheng la China,” ga tlhalosa Mme Moagi.

Le fa go ntse jalo, Mme Moagi a re ke boamaruri gore kwa tshimologong, morago gago tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 ba lephata la botsogo le boitekanelo ba ne ba tswa ka lenaneo le le tla didirisiwang go lwantsha bolwetse jo, ka jalo tsotlhe tse ba neng ba dumela gore ke tsa botlhokwa go itepatepanya le seemo se, tsa akanyediwa go ka lopa P2.4 billion.

A re sengwe sa botlhokwa ke gore bolwetse jwa COVID-19 bo tlhagogile kwa lefatsheng la China ka jalo ga go thona go lemoga gore lefatshe leo, le setse le gatetse pele mo go logeng maano a go lwantsha segajaja se, ka jalo mafatshe otlhe go akarediwa la Botswana, a bona ditlamelo tsa go lwantsha bolwetse jo kwa lefatsheng la China.

“Re tshwanetse ga amogela gore seemo se re leng mo go sona ga se sa tlwaelo, mme le fa go ntse jalo re tla tswelela re dira tse di tshwanetseng go lwantsha segajaja sa corona,” ga tlhalosa Mme Moagi.

Mme Moagi o tsweletse a tlhalosa gore dikgwetlho ka bontsi tse di kwa mohameng wa botsogo le boitekanelo ga se tse di bakilweng ke ditiragalo tsa bosheng di tswa kgakala di le teng.

O supile gore dikgwetlho jaaka go tlhaelelwa ke bodiredi jwa dikitso tse di rileng, ditlamelo le gone go onala ga dikago le didirisiwa dingwe di ntse di le teng, mme le mo seemong sa nakong eno, se go tlhagogileng segajaja sa corona, ba itlamile go tswelela ba dira ka natla. O supile gore lefatshe la Botswana le tsweletse ka go kopa thuso mo mafatsheng a mangwe go thusa ka ditlamelo tsa botsogo.

“Re tsweletse ka go loga maano a go fokotsa dikgwetlho tse re nang le tsone mo mohameng wa botsogo.”

O tsweletse a supa gore go tlhapilwe badiri ba nakwana ba le 1 000 go thusa go lwantsha seemong sa nako eno.

Mme Moagi are lekalana la Botswana Medicines Regulatory Authority (BOMRA) ba filwe boikarabelo jwa go seka seka sepe se se dirwang se akanyediwa gore e ka nna kalafi ya bolwetse. O tlhalositse gore motswako o dirilweng kwa lefatsheng la Madagascar ga o ise o tlhomamisiwe gore o ka dirisiwa e le kalafi ya bolwetse jwa COVID-19.

E rile a itebaganya le kgang ya loeto la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa lefatsheng la Zimbabwe, Mme Moagi a supa gore ba lephata la botsogo le boitekanelo ba tla dira toslthe tse di tshwanetseng ka jalo e tlare Tautona Dr Masisi a boela gae, o tla tsenngwa mo kwarantining malatsi a e lesome le bone.

Mme Moagi o tsweletse a supa gore ke boamaruri gore kapari ya babereki ba botsogo ba ba amanang le balwetse jwa COVID-19 di se motlhofo go bonwa. A re le fa manotonyana a ba nang le one a ka seke a ba goga lebaka, ba solofetse gore seemo seo se tla bona karabo ka gore ba solofetse go amogela mokoakoa wa kapari ya itshireletso ya babereki ba ba amanang thata le balwetse ba COVID-19 mo bogaufing.

O supile gape gore ka nako e mo neng go simolodiswa go iletsa motsamao wa batho ka maikaelelo a go emisa kanamo ya mogare wa corona, go boamaruri gore bangwe ba ba neng ba tswakgotswe ke go dirisa dingwe tse di tsitsibosang mmele le ditagi, ba ne ba nna le kgatelelo ya maikutlo ka ba ne ba sa di bone gope.

Mme Moagi are ke seemo se se thata, ka jalo gone go se motlhofo mo go ba ba amegileng, ka jalo ba lephata la botsogo le boitekanelo ba ne ba thusa ka go ba sidila maikutlo.

Mme Moagi o tsweletse a supa gore go a tshwenya go bona matlhasedi a mogare wa corona a ntse a tsweletse ka go itshupa mo Botswana.

Ka jalo o gateletse botlhokwa jwa gore batho ba tswelele ka go sala morago melawana ya ba botsogo gore ba kgone go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. “Sepe se re se dirang, se tshwanetse sa laola ke melawana a beilweng ke ba Presidential COVID-19 Task Team,” ga tlhalosa Mme Moagi.

A re le fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa corona, lephata la botsogo le boitekanelo le tla tswelela ka go neela setshaba ditlamelo tsa botsogo ka go farologana. Le fa go ntse jalo are ditlamelo dingwe di akaretsa tsa botsogo jwa legano, learo, di santse di seegetswe fa thoko. “Re thusa fela ba ba thlokang thuso ya potlako.” A re ka maiteko a go fokotsa mosuke kwa dikokelong, bolwetse ba ba robaditsweng, mme ba supa ba sidigela, ba tla gololwa, mme ba tswelele ka go fiwa ditlamelo tsa botsogo ba le kwa malwapeng.

Mme Moagi a re ba ba batlang thuso ya lephata la botsogo le boitekanelo ba leletse mogala wa mahala wa 16649. BOKHULTO

 

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : Press Conference

Date : 17 May 2020