Merafe e tshwanetse go akola meamuso ya tlholego - Dr Koboto
16 May 2020
Mokwaledi wa lephata la Tikologo, Bojanala le di-tsa Tlholego, Dr Oduetse Koboto a re maikaelelo a puso ke go tlhomamisa gore morafe e tshela ka di-tsa tlholego tse di mo tikologong ya yone. Ka jalo, Dr Koboto a re go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 go dirile gore morafe o gololesege go ikopela diteseletso tsa go bapala di-tswa nageng.
O tlhalositse gore bolwetse jwa COVID-19 bo pateleditse ba botsogo go ntsha melawana e e pateletsang batho go nna mo malwapeng le gone gore ba katologane go itsa kanamo ya mogare wa corona ka jaana le botlhokwa gore setshaba se itshetse ka di-tsa tlholego, botsogo le tshireletsego ya bone di tla pele.
Dr Koboto o buile jalo ka Matlhatso jaaka a ne a tsibosa setshaba ka seemo sa ditirelo tsa lephata la gagwe tse di neng tsa kgorelediwa ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19. Dr Koboto a re go tlhoka go sala morago melawana ya ba botsogo ke gone mo go itsang gore ba ntshe diteseletso tsa gore batho ba akole meamuso ya tlholego. O tlhalositse gore bosheng, Lephata la Dikgwa le-tsa Tlholego le ne le ntsha diteseletso tsa go bapala phane, mme di ne tsa phimolwa morago ga go lemoga gore ba ba filweng tetla ga ba sale morago melawana ya go re ba nne mo tikologong e E phepa ba katologane.
Le fa go ntse jalo, Dr Koboto a re dingwe tsa dikungwa le tse dingwe dibapalwa-nageng di setse di le mo seemong sa gore batho ba di akole mme se se botlhokwa mo nakong eno ke go tlhomamisa gore matshelo a batho a sireletsegile.
“Ke boammaaruri dingwe tsa dikungwa le tse dingwe tse re itshetsang ka tsone di tlaa tswa mo pakeng ya gore di ka re tswela mosola re santse re kgorelediwa ke gore bolwetse jwa COVID-19 bo iletsa metsamao, mme le fa go ntse jalo dingwe tsa tsone ga di siiwe ke nako, re tlaa nna le sebaka sa go di akola fa seemo se boela meriting. Boammaaruri ke gore ga re kake ra repisa fa go tla mo go reng re dibele matshelo a batho kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19,” ga tlhalosa Dr Koboto.
Dr Koboto a re seabe sa morafe se botlhokwa mo go somareleng di-tsa tlholego, ka jalo go botlhokwa gore ba lemoge botlhokwa jwa tsone mo matshelong, ka jalo ba dire ka natla go thusa puso go di somarela.
O kopile setshaba go ema ka dinao ba tshwaragana le puso go kgoreletsa ba ba nang le maikalelo a go senyakaka di-tsa tlholego jaaka dirukutlhi. A re makgotla a merafe a dira ka natla go somarela dimela le diphologolo. O supile gore mo lebakeng le le fetileng lekgotla la morafe le le neng le bonye madi a a kwa tlase ka go dirisa di-tsa tlholego le ne le kgobokantse P1.2 million.
E rile a itebaganya le bogodu jwa diphologolo, Dr Koboto a supa gore lephata la diphologolo le di-tsa tlholego le tsweletse ka go nonotsha itshireletso mo mafelong a bojanala go thibela bogodu jwa diphologolo. O ne a supa gore bodiredi jwa lephata la gagwe le malala – a – laotswe go tsibola ditiro tsa borukutlhi mo mafelong a bojanala.
Dr Koboto o ne a supa gore mo legatong la boraro la go inoga mo seemong sa go kgorelediwa ke bolwetse jwa COVID- 19, lephata le tlaa oketsa bodiredi mo diofising go ya kwa sephatlong ka maikalelo a go tokafatsa seemo sa go neela Batswana ditlamelo.
Le fa go ntse jalo, Dr Koboto o rotloetsa setshaba gore ditlamelo tse dingwe tse di sa pateletseng motho go ya ofising, jaaka go kopa tlhaloso ya tsamaiso, di dirwe ke batho ba le kwa malwapeng ba dirisa maranyane kana ba letsa ka mogala. “Mo nakong eno, ya kiletso mesepele go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19, tiriso ya maranyane ke konokono, a re a diriseng ka botlalo go fokotsa mosuke kwa diofising” ga tlhalosa Dr Koboto.
Dr Koboto o ne a supa gore ditirelo di akaretsa tsa maroko di tlaa letlelelwa go bula mo bekeng eno, a tlatsa ka go re sa botlhokwa ke go sala ditsetlana tsotlhe tse di itebagantseng le go thibela mogare wa corona.
A re mafelo a bojanala le one a tlaa simolola go dira, le fa go ntse jalo o tladitse ka go re lefatshe le kgaogantswe ka dikgaolwana go laola bolwetse jwa COVID-19, ka jalo mo bekeng eno, motho o letlelelwa go etela mafelo a bojanala a a mo kgaolwaneng e a leng mo go yone. Dr Koboto a re le fa mafelo a bojanala a letlelelwa go bula, a tlaa bo a sa letlelelwe go rekisa dijo. “Re dira jaana ka maiteko a go busetsa seemo mo mannong le go tsosolosa itsholelo, ka jalo ga re eletse go bona ope a itlhokomolosa tsamaiso e e beilweng,” ga tlhalosa Dr Koboto.
Dr Koboto o ne a tlhalosa gore pele ga bolwetse jwa COVID-19 bo nna sekgoreletsi mo matshelong a batho go ne go ntshitswe kitsiso ya gore Batswana ba ikopele diteseletso tsa letsomo, mme morago seo sa emisiwa ka nakwana go tsibogela twantsho ya bolwetse jwa COVID-19. Le fa go ntse jalo, Dr Koboto a re seemo se tlaa fetoga, ka jalo e tlaa re kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe go ntshiwe maina a ba ba kgonneng go fiwa diteseletso tsa letsomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : Press Conference
Date : 16 May 2020