Marapo a motho a fitlhetswe mo sekgweng
16 May 2020
Mookamela mapodisi a Kalkfontein, Superintendent Pizhani Kobole o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone marapo a motho a fitlhetsweng mo sekgweng kwa morakeng wa Molaste, gaufi le Chobokwane.
Fa a buisana le BOPA ka Labotlhano, Rre Kobole o tlhalositse gore Motsheganong a le lesome le boraro ba ne ba amogela pego gore go bonwe marapo a go belaesegang e le a motho.
O tlhalositse fa marapo ao, a bonwe ke banna ba ba neng ba le mo patlong ya leruo.
Rre Kobole a re ba ne ba ragogela koo mme ba fitlhela marapo ao, a bapile le diaparo tse a supileng fa e ne e le borokgwe, sekipara le ditlhako, tse ba neng ba di tsaya le marapo ao.
A re marapo ao a ne a isiwa kwa Ghanzi go ya go tlhatlhojwa ke dingaka tse di rurifaditseng fa e le a motho, mme mo nakong eno a santse a beilwe kwa setsidifatsing sa kokelo ya Ghanzi.
O tlhalositse gore go na le mongwe yo o setseng a itshupile gore diaparo tseo di tshwana le tsa ngwana wa gagwe yo o saleng a nyeletse ngogola.
Rre Kobole o rurifaditse fa ba ne ba nna le pego ya mongwe yo o timetseng e e kwadisitsweng ka Hirikgong mono ngwaga, mme e le tiragalo ya ngogola ka Sedimonthole.
A re mo nakong eno ba emetse go dira ditlhatlhobo tse di tseneletseng go bona gore a marapo a a sikana le motsadi yo o setseng a itshupile.
Mo go tse dingwe, Rre Kobole a re kgwedi e e fetileng mme mongwe wa dingwaga tse di masome mararo o ne a tsena ka ga re itse morago ga go rongwa sukiri le mashi ke moagisanyi wa gagwe kwa Karakubis.
A re le mo nakong eno, ba santse ba le mo patlong ya mme yoo.
Godimo ga moo, a re go ne ga nna le pego ya mongwe gape yo o saleng a sa bonwe ka Sedimonthole ngwagatlola mme le ene ba santse ba le mo patlong ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Interview
Date : 16 May 2020