Letlole la madi a dijo la COVID-19 le kgaritlhegile
15 May 2020
Mogokaganyi wa letlole le le rekelang Batswana dijo go ba inola mo manokonokong a bolwetse jwa COVID-19, Rre Gabriel Seeletso a re P114 million yo a neng a beetswe dijo o setse a fela, fa P18 million wa go reka letlhafula le ene a kgaritlhegile.
Fa a lekodisa setshaba Motsheganong a le 14, mogokaganyi wa lenaneo go tswa kwa Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, a re mo bogompienong malwapa a le 487 047 a setse a sekasekilwe lefatshe ka bophara.
A re mo palong e e setseng e sekasekilwe malwapa a le 371 390 a dumeletswe go thusiwa, mme mo nakong eno go setse go thusitswe malwapa a le 317 787.
Rre Seeletso a re go bonala gore tiro ya go thusa ba ba amegileng e santse e saletse kwa morago.
O tlhalositse gore jaaka dikhansele di le lesome le borataro, di le lesome le boraro di kgonne go anamisa dijo mo selekanyong se se fa gare ga 80 le 100 per cent, fa di le pedi di kgonne go thusa mo selekanyong sa 70-79 per cent, mme khansele e le nngwefela e le kwa tlase ga 60 per cent.
Rre Seeletso a re Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le tsere boikarabelo jwa go netefatsa gore batho ba ka thusiwa jang, jaaka go oketsa mosepele go anamisa dijo, go hema gore bangwe ba bewe ka fa mosing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya babega dikgang
Date : 15 May 2020