Se lelekeng bahirisi-Tsogwane
15 May 2020
Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane o kopile beng ba mantlo go nama ba sa leleka bahirisi mo ka nako e e thata jaaka lefatshe le santse le sweleswetana le mogare wa COVID-19.
O buile jaana ka Labone fa a amogela dimpho go tswa kwa bankeng ya ditlhabololo (NDB) le ba marekisetso a Options go ya kwa letloleng le le thusang mo makononokong a bolwetse jwa COVID-19.
NDB e rekile dijo tsa P363 373 fa Options e rekile dijo tsa P300 000 ya ba ya ntsha kapari ya itshereletso.
Rre Tsogwane o kopile gore beng ba matlo ba itshwarele bahirisi dikgwedi tse tharo fela.
A re go botlhokwa gore fa beng ba matlo ba na le mathata ba ipulele go na le gore ba leleke batho mo matlong mo nakong e thata e.
Rre Tsogwane a re segajaja sa COVID-19 se santse se le teng, ka jalo go botlhokwa gore go salwe ditaelo tsa ba bongaka morago.
A re COVID-19 e ka fenngwa fela fa batho ba ka itibela, mme a re Botswana o kgonne go le gontsi ka go lwantsha segajaja se go gaisa le one mafatshe a a humileng tota.
A re kwa mafatsheng a mangwe dipatela di a penologa lebakeng la mogare wa corona, a tlatsa ka go re Botswana ga a na thata ya go emelelana le seemo seo fa se ka goroga, ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba tswelele ka go itibela.
Mothusa tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Dumezweni Mthimkhulu o lebogetse makalana ka go farologana go tswelela ba thusa ka gotlhe mo ba nang le gone.
Rre Mthimkhulu a re esale jaaka go tlhangwa letlole la go inola Batswana mo manokonokong a COVID-19, o itumedisiwa ke gore makalana ka bontsi le Batswana ka kakaretso ba ntshetsa letlole leo dithuso.
Mogolwane wa NDB, Mme Lorato Morapedi o ne a re e rile ha Tautona a tlhaba mokgosi a kopa dithuso, banka ya bona go le botlhokwa gore le yone e thuse.
A re kwa NDB ba 102 fela mme ba kgonne go kgobokanya madi a go reka dijo tse di tlaa isiwang kwa letloleng la COVID-19. ENDS
Source : BOPA
Author : Anastacia Sibanda
Location : GABORONE
Event : COVID-19 Donation
Date : 15 May 2020