Breaking News

Puso e tlaa tlhoma dibeisane tse di tlhapelang diatla kwa dikoleng

14 May 2020

Mothusa Tona mo Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re lephata le bone go tshwanela gore ka letsatsi le dikole di bulwang ka lone, sekole sengwe le sengwe se nne le ditlamelo tse di rileng, tse di netefatsang bophepa.

A re ka jalo, ba tlaa dira thulaganyo ya gore go nne le dibeisane gore bana ba kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa jaaka melawana ya twantsho bolwetse jwa COVID-19 e tlama. A re dibeisane tseo, di tlaa bewa mo mafelong ka go farologana go itsa go kgobokana ga bana.

Go sa le foo, a re lephata le itse gore go na le metsana e e nang le tlhaelo ya metsi, mme a tlatsa ka gore metsana eo e tla a isediwa metsi ka dikoloi.

Rre Autlwetse a re Batswana ba filwe ditiro tse, se e le go leka go ba thusa gore le bone ba imatswe. A re dibeisane le tsone di tlaa tsenngwa ke Batswana. O ne a tlatsa ka go re tiro e, e tsweletse pele e bile e a kgotsofatsa.

Mothusa tona a re ba solofetse gore fa Motsheganong a fela, dibeisane tse di be di feditswe e bile di le mo tirisong. O tlhalosa fa tsotlhe tse di boletsweng ke ba Lephata la Botsogo di shwana le didibolaya megare le melora le pampitshana e e dirisiwang kwa ntlwaneng di tlaa nna teng kwa dikoleng.

A re lephata la botsogo le tlaa rutuntsha botlhe ba ba tlaa lebelelang gore melawana e a diragadiwa, e tshwana le go tsaya megote le tiriso ya dibolaya megare.

Tona Autlwetse a re baphepafatsi ba matlwana a boithomelo ba tlaa okediwa kwa dikoleng, ka a tshwanetse go phepafadiwa kgapetsakgapetsa. Go ntse go na le baphepafatsi ba le 1 269 mo dikoleng tsotlhe, mme ba tlaa okediwa go nna 2 265.

O boletse fa puso e ntshitse P93million go oketsa madi a a neng a abetswe dikhansele go dirisiwa mo ditrong tsa letsatsi le letsatsi.

Rre Autlwetse a re marekisetso le one go tlaa tlhomamisiwa gore a nna le tse di tlhokegang di tshwana le dibolaya megare.

A re kwa mapagamelong a dibese, go tshwanetse ga dirwa tsotlhe tse di tlhokegang go tlhomamisa gore Batswana ba sireletsegile fa go simololwa go repisiwa melao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya Babegadikgang

Date : 14 May 2020