Kgokgontsho ya bomme le basetsana e ile magoletsa
14 May 2020
Modulasetilo wa lekgotla la borre kwa Serowe, Assistant Superintendent Phillip Mokoto, o kgothaditse maloko a mokgatlho oo go tsenya thuto e e tsepameng mo go borre go sireletsa malwapa e seng go tswa bakgokgontshi.
Rre Mokoto o buile mo potsolosong le BOPA Motsheganong a le 13, a bolela fa jaanong go ngomola pelo gore fa e sale go nna le kiletso mesepele go leka go lwantsha kanamo ya mogare wa corona go bonala fa bomme ba sa tsoga, ba kgokgontshiwa ka ditsela tsotlhe.
Rre Mokoto o boletse fa dithubetso tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ke borraabone, bomalome, masika le borre bangwe di ile kwa godimo. A re borre ba ba nang le madi ba dirisa bokete jwa madi go tsaya dikobo.
O boletse fa mo go ngomolang pelo e le go re go dira ba go tweng ke bone baeteledipele ba morafe ba go ka bong go sielwa kwa go bone. A re fa e le mo malwapeng mangwe borraabo ba nna ba hupile tedu fela, fa bangwe ba tshwenya basadi ka go ba batla dikobo kgapetsakgapetsa, fa gongwe fa pele ga bana.
Rre Mokoto o ne a bua ka pelo e e rothang madi ka maitsholo a borre, a re ntswa ba ne ba solofetse gore kgokgontsho e tlaa fokotsega ka marekisetso a majalwa a tswetswe, ga go a nna jalo.
A re borre gape ba rotloetsa thekiso ya majalwa a a itirelwang mo malwapeng ka e le bone ba rekang thata majalwa ao.
O kopile mokgatlho go nna le bukana mo maranyaneng (Facebook, Whatsup) go nna ba buisana ka fa ba ka gakololang le go rutana e le borre go nna le boikarabelo le go hemela malwapa a bone le bana ba bone.
A re borre malatsi ano ba tswa pelo thata fa ba bona mosadi fela ba eletsa go robala le ene. A re ba hetole megopolo eo ya bone ya sephologolo.A re mosadi wa monna yo mongwe ga a elediwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2020