Sefefo se tlogela Ranamane mo legoeleleng
14 May 2020
Moletsi wa katara yo o tumileng kwa Serowe, Rre Ditshoto Ranamane o setse mo legoeleleng morago ga gore sefefo se tseye marulelo a ntlo ya gagwe ka Labobedi.
Rre Ranamane yo o itsegeng thata ka leina la Abaa, o ne a tuma thata ka pina ya Sakomou, e Batswana ba neng ba e amogela thata e e neng e utwala kgapetsakgapetsa mo lenaneong la dipina le maboko ka Tshipi mo seromaweng sa RB1.
Sakomou ke Sesarwa, mme go tewa gore a re tsamaye.
Mo potsolosong le BOPA, Rre Ranamane o boletse fa ntlo ya gagwe ya diphaposi tse pedi e tserwe ke setsuatsue a ne a santse a ile go senka ditlharapana go tla go dira di ya maleng.
Rre yo, wa dingwaga tse 66, a re go boeng kwa kgonnye o ne a fitlhela mosasana wa gagwe o a nnang mo go one le ngwana wa gagwe le ditlogolo o rutlolotswe ke phefo.
A re ka lesego la ga nthonyana ga go a senyega sepe mo teng ga ntlo e bile ga go a nna le kgobalo epe kwa ntle ga disenke le ditlhomeso tse di senyegileng.
Rre Ranamane o boletse fa a itshetsa ka go letsa katara mme fa e sale go nna le taolo metsamao ya batho go laola kanamiso ya mogare wa corona o sokola go itshetsa.
O boletse fa ntlo eo a sale a e agelwa ke banna bangwe ba basweu ba ba neng ba etetse mo Serowe mme ba ithuta puo ya Sesarwa mo go ene ba bo ba mo leboga ka go mo agela ntlo eo.
A re ka go sena se a ka se itirang o begetse ba boipelego mme ba mo tshephisitse gore a seka a ya gope ba tsile go bona ditshenyegelo le gore o ka thusiwa jang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2020