Breaking News

Ba le 9 089 ba bonye dijo kwa Morolong

14 May 2020

Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Good Hope, Rre Robert Rabasimane a re ba setse e abetse banni ba le 9 089 dijo go ba inola mo manokonokong a a bakilweng ke bolwetse jwa corona.

Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, Rre Rabasimane o tlhalositse gore ba le 10 000 ba filwe letlhafula mme a supa fa tiro ya go thusa batho e santse e tsweletse.

O buile gore bommaboipelego ba ne ba sekasekile batho ba le 10 258 mme a tlhalosa fa ba tlaa fetsa go abela batho dijo mo bekeng eno.

O tlhalositse fa mo nakong e ba sekaseka bangwe ba ka phoso ba neng ba seka ba sekasekiwa le ba ba neng ba seyo mo malwapeng ka nako ya tshekatsheko.

Rre Rabasimane o supile fa palo ya ba ba setseng e sa fete masome a mabedi le botlhano, bogolo jang ba ba amegileng ba le kwa Pitsane, Rakhuna, Digawana le Phitshane Molopo.

Le fa kabo ya dijo e tsamaile sentle o tlhalositse fa ba kopane le dikgwetlho di tshwana le tsa marekisetso a a sa kgoneng go aba dijo ka nako.

O supile fa kgaolo e simolotse kwa metseng e letlhoko le neng le gateletse thata teng jaaka Dikhukhung, Leporung, Tshidilamolomo Mabule le Sekhutlane, mme a tlhalosa fa bontsi bo thusitswe.

O tlhalositse fa kgwetlho e nngwe e nnile marekisetso  a a neng ba leka go tsietsa a sa tsise dijo tse di mmogo mme seemo se sa tsibogelwa ka tshwaragano le komiti ya motse.

Mo go tse dingwe, Rre  Rabasimane o kaile fa matlwana a boitiketso mo dikoleng tse dipotlana tsotlhe tse di masome a mane le borataro a setse a fedile e bile a emetse dikole go bulwa.

O kaile gape gore fa bana ba ka tlhapelang teng mabogo le gone go weditswe mo dikoleng tsotlhe.

Rre Rabasimane o tlhalositse fa kgaolo eo, e na le kgwetlho ya letlhoko la metsi mme ba dirile le mela ya go thusa gore metsi a kgone go thusa bana, le gone go baya ditanka gore fa go na le letlhoko la metsi bana ba kgone go dirisa metsi a a pakilweng. O kaile fa ditiro tsotlhe di tsweletse sentle e bile ba feleletsa go baakanya tse di neng di saletse kwa morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Good Hope

Event : Potsolotso

Date : 14 May 2020