Masole le mapodisi ba abetse lefatshe
14 May 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re Botswana o agilwe a ba a bopelwa mo moweng wa boipelego le botho, mekgwa e e tshwanetseng go somarelwa.
O buile jaana a amogela P20 million ka Laboraro go tswa kwa go ba sesole, sepodisi a ba a kokoanyeditseng letlole la COVID-19.
Mapodisi le masole ba kolekile P10 million mongwe le mongwe wa bone go ya kwa letloleng le, le le thusang puso go lwantsha manokonoko a a bakilweng ke segajaja sa COVID-19 le ditlamorago tsa one mo itsholelong.
Tautona Masisi a re ka jalo mongwe le mongwe ke pinagare, seikokotlelo kgotsa tlhomeso mo mererong ya go lomaganya setshaba.
A re Batswana ba tshwanetse go tshwaragana, go tlhokomelana, mowa o a reng o tshwanetse go fitlhelela kwa dikokomaneng.
Fa a bua kwa moletlong oo, Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng o boletse fa se se dirilweng ke mapodisi le masole se netefatsa mafoko a Motswana a a reng; Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
A re Batswana ba motlotlo thata ka masole le mapodisi ka jaana ba intshitse setlhabelo go sireletsa lefatshe le Batswana ka kakaretso, le mo nakong ya go tlhagoga ga malwetse a tshwana le jwa COVID-19.
Tona Morwaeng a re mowa o, o tlaa tswelela le go feta mo dinakong tseno tsa segajaja se, a tlatsa ka go re se, se tlaa thusa mo go fitlheleleng lengwe la matshego a lefatshe leno la boipelego.
O ne a netefatsa fa dithuso tsotlhe di tlaa dirisediwa tse di tshwanetseng, a ba a tlatsa ka go re go tlaa nna le pego e e tlhalosang kgotsa e e supang gore dithuso tsotlhe di dirisitswe jang.
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o lebogetse masole le mapodisi go ntsha seabe sa bone se a reng ba se dirile ka botswapelo le boithaopo go thusa puso.
O ne a leboga boeteledipele jwa sesole le sepodisi le botlhe ba ba koleketseng letlole le gammogo le boithaopo le go intsha setlhabelo ga banna le basadi ba sesole le sepodisi mo go di gogeng kwa pele go thusa puso mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID-19.
Tona Mmusi o ne a leboga Batswana ka kakaretso go bo ba obamela melawana e e beilweng ke puso mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa corona.
Ramasole, Lt Gen. Placid Segokgo ene o boletse fa lefatshe leno le tswa kgakala le tumile ka mowa wa boipelego.
A re mowa o, o thusitse go dira ditiro di le mmalwa di tshwana go agwa ga Mmadikolo le sekole se segolo sa Moeng gareng ga tse dingwe.
A re masole le babereki ka bone ba kolekile madi a ka boithaopo, e le go diragatsa lengwe la matshego a sesole la Thebe ya Setshaba.
Lt Gen. Segokgo a re kwa tshimologong ya go lwantsha segajaja, masole ba koleketse letlole leo P500 000.
Ramapodisi, Rre Keabetswe Makgophe ene a re mapodisi ba supile mowa wa bone o ba tswang kgakala le one mo go di gogeng kwa pele mo go tsa tlhabololo matshelo.
A re mapodisi ba na le mowa wa tirisanyo mmogo o o tswang kgakala e le one o o bopang le go tshwaraganya sepodisi, ka jaana e rile fa mokgosi o o tlhajwa, ba kgona go koleka P400 000 kwa tshimologong.
Rre Makgophe a re mapodisi ba supile gore tiro ya bone ga se fela go di goga kwa pele fa go le thata, ka jaana ke tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile.
A re mapodisi ba tlaa dira tsotlhe tse di tshwanetseng go lwantsha segajaja sa COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : Kabo Dimpho
Date : 14 May 2020