Breaking News

Ba bapala mahupu kwa Afrika Borwa

13 May 2020

Mookamela mapodisi a Werda Superintendent Mompoloki Ramatsia o gakolotse banni ba kgaolo eo go emisa go tlola molelwane ka bokukuntshwane go ya go bapala mahupu kwa Afrika Borwa ka seo se ka phirimisa maiteko a puso go thibela mogare wa corona go tsena mo lefatsheng.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Supt Ramatsia o ne a supa fa ba kwadisitse dikgang di le masome matlhano tsa batho ba ba tlolang molelwane ka nako ya kiletso mesepele e e simologileng kgwedi e e fetileng ya Moranang e tlhola gabedi go fitlha gompieno.

A re go dira jalo go ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka go lemosegile fa ba bapala mahupu mo dipolasing tsa batho-basweu.

Mogolwane o boletse fa se, se dirwa thata ke banni ba Bray, Werda le Draaihoek e re fa ba tshwarwa  ba bo ba ntsha mabaka a a farolonyeng.

Mahupu ke semela se se ratwang bobe ke banni ba Kgalagadi mme gantsi se mela se le sentsi mariga fa pula e ne e le ntsi. A ka besiwa ka molora wa leiso kana a apewa ka metsi.

Mo go tse dingwe, Rre Ramatsia o ne a supa fa ba gatisitse dikgang di le lesome le botlhano tsa majalwa a Setswana a a titielwang mo malwapeng mo nakong eno ya kiletso mesepele.

O ne a supa fa badira-molato bao ba atlholwa madi a a seng kwa tlase ga makgolo a mabedi a dipula kana go feta.

Rre Ramatsia o boletse fa bogodu jwa leruo bo kekela kwa Makopong e bile ba setse ba gatisitse dikgang tsa bogodu jwa dikgomo di le tharo le e le nngwe ya go utswa dipitse teng kwa motseng oo.

Mabapi le go obamela melawana ya thibelo mogare wa corona, Supt Ramatsia o supile fa banni ba utlwile ka tsoo-pedi ka ba dirisa dipipa molomo le dinko fa ba tswa ka dikgoro tsa malwapa,  a tlatsa ka go re bosheng mapodisi ba ne ba tlhola madirelo ka bongwe ka bongwe go netefatsa gore molao o a diragadiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsoloso

Date : 13 May 2020