Breaking News

Dikhamphani le batho ba tsibogela seemo

13 May 2020

 Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng Mme Ikgopoleng Lekoape a re thulaganyo ya go abela dijo ba ba amilweng ke manokonoko a mogare wa corona e tsweletse sentle mo kgaolong.

Fa a buisana le BOPA ka Labobedi, Mme Lekoape o ne a supa fa ba setse ba tsamaile metse le metsana ka bontsi, mme jaanong ba itebagantse le masimo le meraka.

 O supile fa ba abetse batho ba le bantsi dijo go sena dikgwetlho dipe ka ba ne ba na le dikoloi tse ba rwalang dijo ka tsone.

 Molaodi o tlhalositse fa dijo tse dingwe di ne di rekwa ke khansele fa tse dingwe e ne e le dithuso go tswa mo dikhamphaning le batho ka bongwe ka bongwe.

Mme Lekoape o tlhalositse fa Rre Otsenye Tsietso wa madirelo a Tokeys Lodge a ne a ntshitse madirelo a gagwe gore go faphelwe batho ba ba amilweng ke mogare wa Corona mo go one, o tlhalositse fa ka lesego go ise go nne le ope yo o tshwerweng ka mogare oo mo kgaolong.

Molaodi o boletse fa Rre Tsietso a ne a aba kgomo e e neng ya tlhajwa ya bo ya abelwa batho, mme ba selaga ya Hope Bromo ba ne ba thusa ka go e segelela le go e kala gore e kgone go abelwa batho ka selekanyo se se lekanang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsoloso

Date : 13 May 2020