Morui o abela banni ba Werda le Kokotsha
13 May 2020
Morui wa polasi e e gaufi le Werda, Rre Deon Van Zyl o abetse banni ba Werda le Kokotsha dijo tsa P40 000 go thusa malwapa a le makgolo mabedi mo manokonokong a di-tla morago tsa mogare wa corona mo nakong eno ya kiletso mesepele.
Mo puisanyong le BOPA o ne a supa fa a ne a gwetlhwa ke batho ba ba neng ba latlhegelwa ke ditiro tse ba neng ba itshetsa ka tsone le gore bangwe ke batlhoki le ba-na-le bogole ba mo nakong eno matlho a bone a lebileng puso mme e ka seke e kgone go thusa Batswana botlhe ka fa ba eletsang ka teng.
Rre Van Zyl o tlhalositse fa gape a ne a bona go le botlhokwa go supa kutlwelobotlhoko le lorato mo banning ba Werda le Kokotsha ka bontsi jwa babereki ba gagwe ba tswa koo.
O ne a tlhalosa fa dijo tseo di tlaa thusa malwapa a le lekgolo le masome a mararo kwa Werda le ba Kokotsha ba le masome a supa.
A re fa e sale a tla go nna mo Botswana ka 1993 o itebagantse le thuo le thekiso ya dikgomo mme o ne a ithuta botshelo jwa Batswana le dikgwetlho tsa botshelo tse ba kopanang le tsone, selo se a reng se mo tlhokisa boroko mo a felelang a thusa batho go tswa mo boteng jwa pelo ya gagwe.
Rre Van Zyl o ne a tlatsa ka go supa fa a tlaa tswelela a thusa puso ka fa a ka kgonang ka teng le gore o tlaa rotloetsa gape barui ka ene go thusa banni ba kgaolo mo nakong eno.
Fa a amogela dimpho tseo, mokhanselara wa Werda Rre Obokeng Maletsi o ne a galaletsa baabi a bolela fa go le sego letsogo le le abang go na le le amogelang. O ne a supa fa Rre Van Zyl a tswa kgakala a thusa banni ba motse oo e bile a kile a thusa mo kabong dimpho ya sekole se segolwane sa Tapologo e le tsela nngwe ya go tokafatsa maduo.
Rre Maletsi o ne a tlhalosa fa go kanokilwe batho ba le 644 kwa motseng oo go ka thusiwa ka dijo tsa COVID-19 mme mo nakong ya gompieno go setse go thusitswe ba le 280 fela mme khansele e sa ntse e tsweletse.
Mokhanselara o ne a supa fa Rre Van Zyl yo o dingwaga tse di masome marataro e le motho yo o lorato le gore o kgathalela batho, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Rre Maletsi o ne a tlhalosa fa ba dumalane le boeteledipele jwa motse le ba boipelego gore dijo tseo, tse di abilweng ke Rre Van Zyl di ye go thusa malwapa a mmaboipelego a sa a tlhophang go ka thusiwa ka dijo mabapi le tsa segajaja sa COVID-19 ka gore le one a na le tlala lentswa e se kalokalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisanyo
Date : 13 May 2020