Go gasa melaetsa ya COVID-19 ka Setswana go botlhokwa - Tsogwane
12 May 2020
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re go botlhokwa go dirisa puo ya Setswana go anamisa melaetsa ka COVID-19 gore e goroge kwa bathong botlhe.
Rre Tsogwane o buile jalo ka Labobedi kwa Gaborone jaaka a ne a amogela dithuso P864 000 le dithoto tsa tlhwatlhwa ya P100 220 go tswa mo bagwebing, mekgatlho le batho ka bongwe ka bongwe go thusa go lwantsha segajaja sa corona.
“Ke lebogela ba ba re fileng dimpho, jaaka ba mafatshe a sele ba ba nnang mono, bagwebi le Batswana ka kakaretso.” A re seabe sa setshaba se botlhokwa mo go lwantsheng bolwetse jwa corona, ka jalo go botlhokwa gore go anamisiwe dikgang ka Setswana.
“Ke motlotlo go amogela dimpho tse mo boemong jwa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, mme ke eletsa go dira jalo ka puo e e tlaa tlhaloganngwang ke Batswana kwa magaeng. Ke lemogile gore ba ba ntseng ba bega, ba dira jalo ka sekgoa, ka jalo bontsi jwa batho ba salele kwa morago,” ga tlhalosa Rre Tsogwane.
Mothusa Tautona a re go a nametsa go bona dikhamphani, mekgatlho le batho ka bongwe ka bongwe ba tsweletse ka go ntsha seabe go thusa go lwantsha bolwetse jwa corona jo bo kokonetseng puso.
E rile a amogela dimpho tseo, Rre Tsogwane a re legonnyana la modisa letlharapana ga le galalwe le gore sejo sennye ga se fete molomo, ka jalo sepe se se ajwang se tlaa thusa go lwantsha segajaja sa COVID-19.
A re le ntswa segajaja sa COVID-19 e le mmaba yo o sa bonweng ka matlho, go botlhokwa gore setshaba se tshwaragane le ba botsogo go se lwantsha. “Re leboga kemo-nokeng ya Batswana go thusa go lwantsha segajaja se se tsweletseng ka go ganyaola batho lefatshe ka bophara.”
Rre Tsogwane o ne a leboga Tautona Masisi go ema ka dinao, ka thuso ya setshaba, dikhamphani le mekgatlho ka go farologana go lwantsha bolwetse jwa COVID-19. “Segajaja se, ga se itse molelwane, ka jalo se tlhoka go tshwaraganelwa, ka jalo a re amogeleng dimpho tse mme re di dirise sentle,” ga kopa Rre Tsogwane.
Mothusa Tautona a re ba ba tsweletseng ka go ntsha dimpho ba namola puso leshekere la go tlhaelelwa ke ditlamelo tsa botsogo le dikgwetlho tse dingwe tse di bakwang ke go tlhagoga ga COVID-19. O gateletse botlhokwa jwa go re setshaba se obamele melawana e e beilweng ke lephata la botsogo go laola COVID-19.
Mo go ba ba ntshitseng dimpho go lelwapa la tautona wa pele, Dr Festus Mogae. Ba ntshitse P100 000. Rre Tsogwane o tlhalositse gore Dr Mogae ke matlhola-a-di-bona ka gore ka nako e a neng a le mo setilong sa botautona lefatshe le ne le apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa AIDS, mme a dira ka natla go lwantsha seemo seo. A re ka jalo ga go thona go bona a eme ka dinao mo go lwantsheng segajaja sa COVID-19.
Ba kereke ya Old Apostolic ba ntshitse didirisiwa tsa botsogo tse di lopileng P100 220 di akaretsa ditlana di le 240 000 le papetlana tse di thibang nko le molomo di le 540. E rile a rola mpho eo, Moefangedi Malebogo Molepolole a re mo godimo ga didirisiwa tseo tsa botsogo, bosheng kereke ya Old Apostolic e abetse letlole le COVID-19, P50 000.
Ba mokgatlho wa Kerala Samajan Botswana ba thusitse ka P250 000, Mazarz Partnership ba ntshitse P201 000, mokgatlho wa bomme wa phathi ya Botswana Democratic Party o ntshitse P153 000, Ghana Community in Botswana ba thusitse ka P100 000, mokgatlho wa mapalamente a pele o ntshitse P30 000, AWIL College P20 000 mme mokgatlho wa makgotla a Setswana o ntshitse P10 000.
Erile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya bomme ba BDP, Mme Veronica Lesole a re ka Setswana mmangwana o dibela setshaba ka go tshwara thipa ka fa bogaleng. Mme Lesole a re mosadi ke thari ya setshaba, ka jalo maloko a komiti ya bomme ya BDP lefatshe ka bophara a lemoga botlhokwa jwa go thusa go lwantsha dikgwetlho tse di amang setshaba.
“Keletso ke gore madi ao a thuse mo go lwantsheng dikgang tsa kgokgontsho ya bomme le bana. Re lemogile gore jaaka go sale go twe batho ba nne mo malwapeng go emisa kanamo ya mogare wa corona, dikgang tsa kgokgontsho ya mo malwapeng di ile magoletsa,” ga tlhalosa Mme Lesole.
"Bomme ba phathi ya BDP ba leboga badiredi ba lephata la botsogo le botlhe ba ba eteletseng pele ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19."
Mo mafokong a kamogelo, tona wa lephata la merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng o gateletse botlhokwa jwa go nna le seabe mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID-19. Rre Morwaeng a re dimpho tsa madi, dijo le didirisiwa tsa botsogo di tlaa thusa go lwantsha segajaja sa COVID-19, ka jalo dimpho tseo di tla ka nako e e tshwanetseng. ENDS
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : Donation
Date : 12 May 2020
Related News
13 Oct 2025
Mopamente o aba ntlo
10 Oct 2025
Madziba o itshetsa ka dikiriba
08 Oct 2025
Ba supa fa madi a bagodi a fetotse matshelo
07 Oct 2025