Breaking News

Monna o tlhabile mokapelo ka thipa

12 May 2020

Mapodisi a Bokspits a tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a belaelwang a tlhabile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ka thipa mo mokwatleng ka Tshipi.

Mookamela mapodisi a Bokspits Superintendent Berman July o tlhalositse gore rre yoo, o ne a nna le mokapelo wa gagwe kwa ga mmaagwe mosetsana, mme ba na le ngwana.

Supt July a re tlhokakutlwisisanyo e tsogile morago ga gore ba rerisanye gore ba batle ntlo go e hirisa gore ba fuduge mo lolwapeng lwa bo mosetsana.

Go bolelwa fa rre yoo, a ne a batla ntlo eo mme ya re morago ga go e bona, a kopa mokapelo gore a lebise mosadimogolo mafoko a gore jaanong o a fuduga, mme mosadimogolo a gana gore ngwana wa gagwe a tswe mo lwapeng, ka mabaka a gore monna yoo ga a a mo nyala.

Selo seo se ne sa tsosa kgaruru, fa mosetsana a bolela fa a se kake a fuduga kwa ntle ga tetla ya batsadi ba gagwe.

Supt July a re rre yoo o ne a gatelela mokapelo gore ba fuduge kgatlhanong le thato ya motsadi.

Mosetsana o ne a felela a kopa gore ba kgaogane. Go bolelwa fa go ne ga thunya ditlhase fa rre yoo a tsaya thipa a bo a mo tlhaba ka yone mo mokwatleng gaufi le legetla la molema.

Mme yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong kwa a fetileng a robadiwa teng.

Supt July a re molwetse o a sidilega, mme rre yoo ene o mo diatleng tsa mapodisi fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

O tlhalositse fa monna yoo, a tlaa isiwa fa pele ga lekgotla mo bekeng eno, mme fa a ka bonwa molato o tlaa tsenngwa mo kgolegelong ya dingwaga tse di sa feteng bosupa.

Mo kgannyeng e nngwe, Supt July o bolela fa ba tshwere banna ba le bararo ba Struizendam mabapi le molato wa go tlola molelwane kwa go sa tshwanelang teng mo nakong eno ya kiletso mesepele go thibela kanamo ya mogare wa Corona.

Mogolwane wa mapodisi a re banna bao ba tshwerwe ba tswa tirong kwa dipolaseng tsa Afrika Borwa gaufi le Struizendam.

Banna bao, ba dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, masome a mabedi le boferabongwe le masome a mabedi le bongwe. A re ba tloletse kwa Afrika Borwa Motsheganong e tlhola malatsi a le mane, mme ba tshwarwa ka Tshipi, Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome.

Supt July a re ba tshwere banna bao morago ga go lemoga metlhala ya bone fa ba disitse molelwane. O tlhalositse gore mo letsholong leo, mapodisi ba ne ba itemogela metlhala e e supang gore bangwe ba santse ba tlola molelwane go ya Afrika Borwa.

A re mapodisi ba ne ba lalela banna bao, mme morago ga foo ba ba tshwara kwa malwapeng a bone mo Struizendam.

Banna bao, ba ne ba atlholwa P200 mongwe le mongwe wa bone, ba bo ba isiwa kwa go ba botsogo gore ba ba tsenye mo serubing kwa Tsabong, go itsa kanamo ya mogare wa Corona.

Supt July o tlhalositse gore bontsi jwa batho ba tshwere ka natla go sala morago melao ya kiletso mesepele ya COVID-19, ba nna ka go katologana gape ba rwala tse di itshireletsang mo melomong. O akgoletse banni go sala molao morago mme a kopa gore go tswelelwe fela jalo. Ends

 

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Interview

Date : 12 May 2020