Breaking News

Mapodisi a fitlhetse tshimo ya Motokwane

11 May 2020

Mapodisi a Serowe a tshwere banna ba le babedi ka go bo ba fitlhetswe ka mephuthelwana e go belaesegang e le motokwane le tshimo e go lengwang motokwane oo mo go yone kwa morakeng wa Seshie Motsheganong a tlhola ga rataro.

Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Serowe ka Mosupologo, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa mapodisi e ne ya re mo go tsamayeng ba lekola metse ba rakana le monna wa dingwaga tse 45 wa Zimbabwe, yo e rileng go ba bona a kalakatsa matlho mme ba mo ikatumetsa ba mo phuruphutsha.

Supt Oteng o boletse fa rre yoo, yo o tlholegang kwa Nsiza kwa Bulawayo a tsene mo Botswana e se ka fa molaong.

Mo go mo phuruphutsheng ba ne ba fitlhela dikgetsana di le tlhano tsa setlhatshana se ba belaelang e le motokwane.

Mo ditlhotlhomisong gore o tsaya kae dikgetsana tseo, o ne a ntsha mosi ka sekhurumelo a kaya fa a di rekile kwa monneng wa dingwaga tse di masome matlhano wa Mabuo kwa ba neng ba fitlhela monna yoo wa morekisi teng.

Mo ditlhotlhomisong rre yoo wa kgotla ya Moseki kwa Mabuo a bolela gore o lema kae motokwane a ba kaela mme ba fitlhela tshimo ya motokwane kwa morakeng wa Malaakgage gaufi le Mabuo.

Mogolwane wa mapodisi o boletse fa ba fitlhetse ditshingwana di phophoma ka ditlhatshana tseo tse go belaelwang e le motokwane, di ageletswe ka botswerere. A re tshingwana e nngwe go ne go bonala fa jaanong e ne e le nako ya go rojwa, go anegilwe mengwe e emetse theko fela.

Gatwe mmelaelwa o ne a bolelela mapodisi gore o na le dingwaga di le tharo a ntse a lema motokwane oo e bile a o rekisa lepenyo fela.

Fa ba tsweletse ba ntse ba mo phuruphutsha ba ne ba fitlhela P2881 a go bolelwang e le a a tswang mo thekisong.

Ditlhatshana tseo di santse di isitswe kwa matlhatlhobelong go netefatsa fa e le setlhatshana se se sa letlelelweng sa motokwane.

Rre Oteng o boletse fa mmelaelwa wa motswakwa a ne a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Serowe mme o tlaa itshupa gape Seetebosigo a le lesome le motso. O santse a tshegeditswe ke mapodisi fa wa Motswana a tlaa itshupa mo bogaufing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Interview

Date : 11 May 2020