Breaking News

Boikarabelo jwa botlhe

11 May 2020

Motshwarelela mokwaledi wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo Mme Baile Moagi a re boikarabelo jwa Batswana mo botsogong jwa bone bo botlhokwa, ka bo ka thusa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19.

Fa a lekodisa setshaba ka ditirelo tsa lephata mabapi le COVID-19 Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le bongwe, o ne a tlhagisa Batswana go tsaya ka tlhoafalo melawana e e rotloediwang ke ba botsogo go lwantsha bolwetse jo.

O boletse fa lephata le tsweletse ka go fa Batswana ditirelo kwa dikokelong tsa puso le tse di ikemetseng ka nosi, go akarediwa le madirelo a mangwe a tsa botsogo.

Mme Moagi a re mo legatong la kiletso mesepele la gompieno, ditirelo kwa dikokelong di tlaa fiwa go tswa ka 730am to 8pm.

Mogolwane a re ditirelo tsa botlhokwa di tshwana le ditirelo tsa bana ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga botlhano jaaka sekale le go tlhatlhojwa di tlaa tswelela,  ka jaana di thusa go baya kgolo ya ngwana leitlho.

Ditirelo tse dingwe di tshwana le tsa botsogo jwa legano le tsa dikaro di tlaa nama di seegilwe go fitlhelela seemo sa COVID-19 se tokafala.

Mme Moagi a re Batswana ba rotloediwa go tswelela ba tsaya ditlamelo di tshwana le tshidilo ya baimana le tsa malwetse a tshwana le sukiri le madi a matona.

A re balwetse ba ba dirisang diritibatsi tsa ARV le melemo ya sukiri le malwetse a mangwe ba tlaa fiwa ditlamelo tsa melemo ya dikgwedi tse tharo gore ba fokotse go ya kwa dipatela.

Mabapi le balwetse ba ba robaditsweng, lephata le rotloetsa gore go fokodiwe metsamao kwa dipateleng ka go letlelela gore molwetse a tlholwe ke motho a le mongwefela ka nako e e rileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Press Conference

Date : 11 May 2020