Breaking News

Mapodise a tshegeditse lekawana

10 May 2020

Mapodise a tshegeditse lekawana

Mapodise a Maun a tshegeditse rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Disana go thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le kgetsi ya go tsaya dikobo ka dikgoka.

Mookamela mapodise, Superintedent Chenamo Orateng o buile mo potsolosong gore ba tshware mmelaelwa  morago ga go amogela pego ka mosetsena wa dingwaga tse di lesome le botlhano a bolela fa rre yoo a itseetse dikobo ka dikgoka mo go ene.

A re tiragalo eo e diragatse bosigo jwa  matlhatso ka nako ya boferabobedi. Superintendent Orateng o tlhalositse  fa motswasetlhabelo a boletse fa mmelaelwa yo e leng tsala ya gagwe a ne a mo kopa gore a tsamaye le ene kwa motseng wa Matsaudi mme ba dumalana.

Superintedent Orateng a re go boletswe fa bobedi joo e le ditsala mme ba ne ba buisanya ka maranyane. A re mmelaelwa o ne a tla go tsaya motswasetlhabelo kwa lwapeng la bone kwa Disana mme ya re koloi go emelela, ya tsaya tsela e sele.

A re go begilwe fa mmelaelwa  a ne a tsena mo sekgweng se se gaufi le motse kwa a neng a itseela dikobo ka dikgoka.

O tsweletse a re ka lesego ba ne ba kgona go tshwara mmelaelwa jone bosigo joo.

Superintedent Orateng a re dikgang tsa go tsaa dikobo ka dikgoka di a tshwenya, a supa fa ba gatisitse di le nne go simolola ka Moranang monongwaga go fitlha ka Motsheganong  a le borobabongwe.

A re se se ngomolang pelo ke gore di le pedi mo teng di ama basetsanyana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro. O tsweletse a re ngogola ka kgwedi ya Moranang le Motsheganong fela, ba ne ba gatisitse dikgetsi di le masome a mabedi le motso (21) mme a supa fa monongwaga ba itemogetse pharologanyo ka jaana dipalo di wetse tlase.

Superintedent Orateng a re ba lemogile fa bontsi jwa  ditiragalo di ne di diragala thata ka mafelo a beke ka jaana bontsi bo ya kwa mafelong a maitiso.

A re gompieno ditiragalo di boutsana ka jaana maitsiso a santse a tswetswe mme batho ba rotloediwa go nna kwa malwapeng e le tsela nngwe ya go lwantsha kanamo ya mogare wa COVID 19.

A re ba swabisiwa ke bangwe ba ba santseng ba gobeya fela ba sena tetla ya go tsamaya mme bangwe ba felela ba amega mo dikgannyeng tsa borukutlhi. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 10 May 2020