Balemi barui ba kopilwe go kwadisa
09 May 2020
Balemi barui kwa kgaolong ya Borwa ba kopilwe go ikwadisetsa go rekisetsa puso dijo tse di tlaa abelwang ba ba kokonetsweng ke seemo sa itsholelo ka nako ya kiletso ya mesepele.
Mogolaganyi wa ditirelo tsa temo-thuo kwa kgaolong eo, Mme Monia Mfolwe, o kopile jalo mo potsolosong bosheng.
A re dijo tseo di akaretsa mmidi, magapu, dinawa, merogo yotlhe go akarediwa le wa dinawa, mae le nama ya koko. O tlhalositse fa maikaelelo e le go fokotsa manokonoko a gore balemi-barui ga ba na kwa ba rekisang teng fa e sale mesepele e ilediwa ka mabaka a go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.
A re puso e bone go tshwanela gore e phakise batho ba ba kokonetsweng ke seemo sa itsholelo dijo.
Mme Mfolwe o tlhalositse fa ba leka ka natla gore ba akaretse balemi barui ka bontsi jo bo ka kgonagalang a tlhalosa fa sejo-sennye se sa fete molomo.O kopile balemi-barui go inaakanya le balemisi ba dikgaolwana tsa bone go ikwadisa. Ends
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Kanye
Event : Interview
Date : 09 May 2020