Breaking News

K-Build Hardware e abela banni

06 May 2020

Marekisetso a K-Build Hardware kwa Tsabong a abetse letlole la COVID-19 dijo go thusa malwapa a a amegileng thata kwa Kgalagadi Borwa a le masome a mane.

Fa a amogela dijo tseo ka Labobedi, Kgosi David Toto II o akgoletse marekisetso ao a a gwebang ka go rekisa dithoto tsa kago go bo a abetse ba ba tlhokang mo nakong ya go lwantsha mogare wa corona. 

Kgosi Toto II o tlhalositse fa seo e le tirisanyo mmogo e ntle ya bagwebi ba ba gwebang mo motsing oo.

A re marekisetso ao a dirile tiro e e tona ka go supa kemo nokeng ya puso ka go abela letlole la COVID-19 gore banni  ba tle ba namolwe mo seemong se se thata sa mogare wa corona mo nakong eno ya kiletso mesepele. 

A re marekisetso a K-Build Hardware a supile bopelotlhomogi mme o ba eleleditse katlego mo kgwebong ya bone.

Fa a tswa la gagwe moeteledipele wa K-Build Hardware, Rre Kazi Akhtar a re se, e ne e le tsela ya go thusa mo seemong sa kiletso mesepele go itsa kanamo ya mogare wa corona.

O tlhalositse gore go botlhokwa go rekela banni dijo tse di lekanang malwapa a le masome a mane tse di akaretsang bopi jwa borotho, macaroni, sukiri, matlhare, kofi, mashi, paletshe, mafura a apayang, dinawa, raese, dino tsididi, tamati soso, mayonnaise le tse dingwe go thusa mo seemong sa letlhoko la dijo kwa malwapeng.

Mothusa molaodi, Rre Thusang Nyoni, o lebogetse dijo  tse a reng di tlaa thusa mo ntweng ya corona a bo a solofetsa gore o tlaa netefatsa gore di tlaa isiwa ko go ba ba maleba ba Khansele gore batho ba thusiwe.

A re mabogo dinku a a thebana mme ebile goromente ga a kake a kgona ntwa a le nosi ka jalo go le botlhokwa go tswelela dikhamphane tse di ikemetseng ka nosi di thusa go lwantsha mogare wa Corona ka go abela letlole la COVID-19.

O rotloeditse gore bagwebi ba bangwe ba tseye malebela mo K-Build Hardware ba thuse ka dijo tse di setseng di ntshitswe di sa lekane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 06 May 2020