Botoka Hardware e abela Kgalagadi dijo
05 May 2020
Bagwebi bangwe le Batswana ka bongwe ka bongwe ba tsweletse ka go thusa setshaba bogolo jang ka madi, dijo le tse dingwe mo nakong ya kiletso mesepele.
Botoka Hardware Group of Companies ke mangwe a madirelo a a thusitseng ka go abela khansele ya Kgalagadi dijo go thusa banni ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa.
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Hendricks Jacobs, o lebogetse madirelo ao go thusa khansele morwalo ka go abela banni dijo.
Rre Jacobs o gwetlhile ba bangwe go tsaya malebela ka go gopola setshaba go labilwe gore bangwe ba tlhoka go hehogelwa go thusiwa.
Moeteledipele wa marekisetso kwa Tsabong, Rre Parvez Dhola, o tlhalositse fa ba bone go le botlhokwa go abela banni ba kgolo ka e le bareki ba tlhotlhwa ba ba tsholeditseng le go tlhabolola madirelo go nna se a leng sone gompieno.
Rre Dhola o supile fa ba ne ba ikopanya le ba madirelo a mangwe a Botoka Hardware go akaradiwa a Shakawe, Gumare, Ghanzi, Modipane, Lobatse, Good Hope, Moshupa le Kumakwane go thusa ka dijo tse di lopileng P22 000 go abela banni ba kgaolo eo ba le masome a matlhano mme mongwe le mongwe wa bone a neelwa dijo tsa P450.
O supile fa ba tshwanetse go busetsa gape dipoelo tsa bone mo setshabeng gongwe le gongwe fa madirelo ao a teng, go thusa puso fa e tlhaelang teng ka e se kake ya kgona e le nosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Kabo dimpho
Date : 05 May 2020