Breaking News

Mokgatlho wa Young and Happily Married o abela batsetsi

05 May 2020

Mokgatlho wa Young and Happily Married o abetse batsetsi kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe melora e e tlhatswang le e e tlhapang, mesangwana ya batsetsi le didirisiwa tse dingwe.

Fa a rola dimpho tseo ka Mosupologo, motsamaisi wa mokgatlho, Rre Gosalamang Maitiso, o tlhalositse fa mokgatlho o sa le mosha.

A re mokgatlho o, o itebagantse le lerato la Modimo mme o rotloetsa batho go rata ba bangwe jaaka ba ithata.

Rre Maitiso a re lerato la Modimo le rotloetsa go abela ba ba sa kgoneng mme ke sone se ba neng ba tswa ka mogopolo wa go abela batsetsi.

A re ba ne ba nnile le keletso ya go reka diaparo tsa bana ba e leng gone ba tsholwang mme ga se ka ga kgonega ka marekisetso a tswetswe a re ba solofela fa tse ba di abileng di tlaa tswela batsetsi mosola.

Mooki kwa kokelong ya Sekgoma Memorial, Mme Kokeletso Kgomotsego, o ne a lebogela Young and Happily Married go abela batsetsi dimpho. A re go a bonala gore mokgatlho wa bone o ne o agelwa mo leratong le mo nakong eno le sa bonaleng motlhofo.

A re setlhopha sa bone ke se se busetsang serodumo sa setho mme a ba rotloetsa go tshwara ka thata.

Mme Kgomotsego a re nako e dimpho di gorogileng ka yone e maleba ka jaana segajaja sa COVID- 19 se tsentse mafatshe mo pitlaganong mme go supafala fa go na le bangwe ba ba kgonang go lemoga fa go na le letlhoko la dilo dingwe.

A re bomme ba ba itsholofetseng kana ba e leng gone ba belegang ba na le dikgwetlho ka marekisetso ka bontsi a tswetswe ebile go se motlhofo go roma bangwe fa ba batla sengwe ka metsamao e laolwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Kabo dimpho

Date : 05 May 2020