Banni ba Mahalapye ba tsaya molaetsa ka tlhwaafalo
04 May 2020
Banni bangwe ba Mahalapye ba tsere ka tlhwaafalo molao o mosha wa go dirisa dibipa dinko le melomo mo mafelong a setshaba.
Bontsi jwa banni ba ne ba bonala mo mekgwatlheng le kwa marekisetsong ba rwele dibipa dinko le melomo ka go farologana e le tse di ithoketsweng fa bangwe ba ne ba dirisa ditukwi.
Bakgweetsi ka go farologana le bone ba ne ba bonala mo ditseleng ba di tsentse.
Le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba ba santseng ba dirisa tse di tshwanetseng go dirisiwa ke ba botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 04 May 2020
Related News
15 Jan 2026
Puso e araba kopo ya banni
14 Jan 2026
Puso E Tlaa Duela Badiri Ba Pele Ba BCL
13 Jan 2026
Tiriso Botlhaswa Ya Bana E A Tshwenya - Maele
14 Jan 2026



