Breaking News

Ba Kgalagadi Bokone ba tlhagisiwa ka ditlou

04 May 2020

Mookamela ofisi ya lephata la diphologolo wa kgaolo potlana ya Hukuntsi a re ba mo motlhaleng wa ditlou tse pedi tse go bolelwang di raletse kgaolo ya Kgalagadi Bokone.

Ka jalo, Rre Ernest Madimabe o ne tlhagisa banni ba kgaolo ya Kgalagadi Bokone, mo potsolotsong bosheng, go nna podi matseba.

Rre Madimabe a re kgaolo e ke nngwe ya tse di nang le mafelo a diphologolo tsa naga kwa ntle ga ditlou, a tlatsa ka gore go bonala ga ditlou tseo go na le kgonagalo ya go tlisa letshogo mo bathong.

Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha banni gore ba seka ba etsaetsega ka seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone ka ba lephata la diphologolo ba malala-a-laotswe go tsibogela seemo fa se ka se tswa mo taolong.

O tlhalositse fa ditlou tseo go lemotshega di timeletse mo kgaolong go tswa kwa Central Kalahari Game Reserve (CKGR).

A re ba begetswe ka ditlou tseo kgwedi e e fetileng e le masome a mararo (Apr 30) morago ga gore banni bangwe ba bone motlhala wa tsone kwa merakeng ya Tshanye.

O ne a supa fa di raletse bontlha bongwe jwa metse ya Lokgwabe le Zutshwa, mme a supa fa gompieno go bolelwa fa go bonwe motlhala wa tsone kwa lecheng la Monong.

A re motsamao wa tsone o supa fa di ikgata motlhala go boela kwa CKGR, mme a tlatsa ka gore e re ntswa ba tsweletse ka go di sala morago ba setse ba amogetse dipego di le pedi tsa tshenyo mo masimong a Tshanye le Lokgwabe.

O tlhalositse  fa baikuedi ba tlaa thusiwa ka fa tshwanelong ka tsa phimolo dikeledi fa ditlhotlomiso di sena go wela.

Rre Madimabe o ne gape a gwetlha banni go tsamaya ka digongwana fa ba ya kwa merakeng kgotsa kwa didibeng gore ba nne matlho a ba bangwe fa di ka ba tshoganyetsa.

O ne a ba kopa gape gore ba  simolole go ela tlhoko go bogola ga dintsa tsa bone a re gongwe di ka ba thusa go bona diphologolo tseo, mme a tlhagisa gore fa ba ka kopana le tsone, ba seka ba di lwantsha ka dintsa, a re seo se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

O ne a rotloetsa banni go itsise ba lephata la diphologo fa ba ka di bona mo tikologong ya bone ka bofefo jo bo kgonagalang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Malebgo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : potsolotsong

Date : 04 May 2020