Mosadi o ithetse mmoko wa talane
30 Apr 2020
Mme yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa ke wa Hunhukwe o atlhotswe P100 ka molato wa go sasanka mo motseng kgatlhanong le melawana ya kiletso mesepele e e diretsweng go laola kanamo ya mogare wa corona.
Mme yoo o atlholwa jaana a ne a ile go ikuela kwa mapodising mabapi le gore e rile kgwedi eno e le masome mabedi le boferabongwe ka lotlatlana a phoraphorwa ke monna wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa, yo o tlholegang kwa Makalamabedi kwa kgaolong ya Bokone Bophirima, a tswa go tlhola masika.
Mo puisanyong le BOPA, Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, a re tiragalo eo, e diragetse ka lotlatlana mo kgotleng ya ga Nare kwa Hunhukwe.
Go bolelwa fa mongongoregi a ne a boela lapeng, mme a tshokana a kopane le mmelaelwa, yo go belaetsegang a ne a mo setse morago, mme a feta a mo tshwaratshwara ka fa go sa tshwanelang ka teng.
Supt Jorowe a re mongongoregi o supile gore e rile go lemogeng maikaelelo a monna yoo, a tlhaba mokgosi, mme mmelaelwa a tlhanola direthe.
A re mongongoregi o ne a begela mapodisi mme a isiwa kwa kokelwaneng kwa a neng a feta a alafelwa dikgobalo tse di seng kae, mme a gololwa.
Le fa go le jalo, a re mmelaelwa le mongongoregi ba ne ba atlholwa P100 mongwe le mongwe ka ntlha ya go sa obameleng molao wa kiletso mesepele wa COVID-19 ka go sasankega.
Supt Jorowe a re fa mmelaelwa a ka bonwa molato ke lekgotla, o ka lebanwa ke kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng bosupa le thupa mo godimo.
Le fa go ntse jalo, Ramapodisi a re banni mo kgaolong ba tsweletse ka go itshwara sentle, le mororo ba tshwere batho ba le lesome le boferabongwe mabapi le go saila mo mebileng ba sena diteseletso, mme ba lefisiwa P100 mongwe le mongwe wa bone.
O ne a tlhalosa gape fa ba tshwere batho ba le batlhano ka molato wa go kgweetsa dikoloi tse di sa itekanelang, fa bangwe ba ne ba sena diteseletso tsa go kgweetsa.
O ne a tlhagisa setshaba gore se seka sa ikgatholosa kiletso metsamao go tila go tseelwa dikgato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Interview
Date : 30 Apr 2020