Breaking News

Somarelang dijo tsa namolo - Kgosi

29 Apr 2020

Kgosi Giel Jacobs wa Gakhibane kwa Kgalagadi Borwa a re go a tshwenya go bona bangwe ba aja tshupa-mhatelo dijo tse ba di filweng ke ba boipelego go ba namola tlala mo malatsing a kiletso mesepele.

Kgosi Jacobs o buile jaana mo potsolotsong le BOPA Moranang a tlhola masome a mabedi le bosupa, a rotloetsa batho go somarela dijo tseo ka jaana lefatshe le le mo leshekereng ka lebaka la bolwetse jwa Corona.

A re ba tlamega go gagamatsa lebante thata ka ebile lobaka lwa kiletso mesepele lo okeditswe ka dibeke tse tharo.

A re bangwe ba kgobokana kwa ofising ya gagwe ba kopa diteseletso tsa go ya go reka mme seo se kabo se hemilwe ke go dirisa dijo tse ba di filweng sentle.

Kgosi o tlhalositse gore molao wa kiletso mesepele o diretswe go laola metsamao ya batho go itsa kanamo ya mogare wa Corona, ka jalo batho ba tshwanetse go tshwara ka thata go ikilela mo mesepeleng e e sa tlhokafaleng go itsa go tsenwa ke mogare o.

A re go a tshwenya go bona bangwe ba ba santseng ba tla kwa diofising ba kopa diteseletso tsa go tlhola ba masika mo motseng kana kwa metseng e e mabapi mme a re seo ga se kake sa letlelelwa gotlhelele.

 O tlhaslositse gore batho ba tshwanetse go amogela seemo sa gompieno gore ba tle ba boloke matshelo a bone le a ba bangwe ka go obamela melawana ya go ilediwa mesepele ka dinako tsotlhe.

Rre Jacobs a re ofisi ya gagwe e simolotse go ntsha diteseletso Moranang a le tlhola ga rataro a thusanya le mogokgo go tlhalosetsa setshaba botlhokwa jwa go nna kwa malwapeng mo nakong eno.

A re o ntsha diteseletso tsa ba ba yang kwa Tsabong go ya go reka kwa mabentleleng, go ya bankeng kana go ya kwa kokelong, ka motse wa Tsabong e le boremelelo jwa ditlamelo tsa Kgalagadi Borwa mme a dira seo ka go lekanyetsa selekanyo sa batho ba le masome a mabedi go ya fela ka gore dikopo e ne e le di fe letsatsi leo.

A re go a tshwenya ka go lemotshega fa batho bangwe ba santse ba akanya gore botshelo bo tshwana le pele.

 O tlhalositse gore fa e sale mmaboipelego simolola go phakisa ka Moranang a le masome mabedi le bongwe, o ne a itemogela tshologelo ya batho ba tsisitse dingongorego tsa gore ga ba a phakisiwa.

A re bangwe ba lela jaana ba re ga ba a phakisiwa mme e ne e rile go le pele ba leka go tsietsa mmaboipelego ka tlhaloganyo, a re go utlwaleleng gore mmaboipelego o etla motho a fuduge mo lapeng a ya go tlhoma mokhukhu go sele gore a tle a fiwe ka bonosi le ntswa a ne a baletswe mo palong ya lelwapa lengwe.

A re bangwe ba itela gore mmaboipelego o fetile malwapa a bone mme fa go tlhotlhomisiwa go fitlhelwa e le gore ba ne ba seyo kwa malwapeng ka nako e mmaboipelego a neng a feta ba ile kgotleng go kopa diteseletso.

Go fitlha jaana, Kgosi a re ba tshwaragane le namane e tona ya tiro go reetsa maikuelo a bangwe batho ba ba thusiwang kgwedi le kgwedi ka lenaneo la mophako ba re ba a konngwa.

A re ba tlhalositse gore mangwe malwapa a na le bana ba sekole ba ba jang kwa sekoleng mme jaanong fa e sale dikole di tswalwa seo se raya gore bana ba ja mo malapeng fela.

Kgosi o gateletse botlhokwa jwa gore dijo tsa mophako mo malwapeng ao di okediwe.

Fa a tlhalosa tsamaiso ya mophako, mmaboipelego wa Gakhibane Mme Segakolodi Bojang o tlhalositse gore fa ba abela malwapa ba lebelela mabaka a a farologaneng mme ba kanoke seemo ka leitlho le le ntshotsho.

A re fa ba fitlhela go na le yo o berekang mo lelwapeng ba sekaseka mabaka a letseno la itsholelo mo lwapeng go ya ka palo ya batho ba ba foo mme ba abele lelwapa ba lebile mabaka.

Mme Bojang o itemogetse gore batho bangwe mo motseng ba ngongoregela go tlhoka go phakisiwa ka tsholofelo ya gore go ya go fiwa botlhe.

 O ne a gatelela mafoko a ga Kgosi Jacobs gore ba lemogile fa bangwe ba batla go ba tsietsa ka go tswa mo malwapeng ba tlhoma mekhukhu mme fa ba lemoga dijo tseo di a tsewa ka gore ba a bo ba ne ba di filwe go sa tshwanela.

Mme Bojang a re go na malwapa mangwe a ba tseneng mo go one mme ba supa fa ba sa tlhoke go phakisiwa fa e se teseletso fela ya go ya go ithekela dijo kwa Tsabong. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Interview

Date : 29 Apr 2020