Breaking News

Mosadimogolo le bana ba seka bogodu jwa dikgomo

29 Apr 2020

Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa kgang e mo go yone go tshwerweng mosadimogolo le bana ba gagwe ba le bararo ba ba belaelwang ba utswile dinamanyane tse tlhano kwa morakeng wa Kuwe gaufi le Maralaleng mo Kgalagadi Borwa.

Mo potsolosong mo Tsabong, mogolwane wa mapodisi a Tsabong Rre Christopher Tlhapi-David a re dinamanyane tseo di fitlhetswe di tlhatlhetswe di sena bommaatso mo lesakeng la mosadimogolo yoo wa dingwaga tse di masome a supa le bosupa.

Bana ba gagwe bone ke banna ba dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi, yo mongwe o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, fa yo mongwe a lebega a wela mo dingwageng tse mme di ise di rurifadiwe.

Rre Tlhapi-David a re babelaelwa ba itshupile fa pele ga lekgotla la Setswana la Tsabong Moranang a tlhola masome a mabedi le bosupa mme lekgotla le santse le ba tshegeditse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

O tlhalositse gore mo nakong eno ya kiletso mesepele mapodisi a itemogetse dikgang tsa bogodu jwa loruo tse di golelang pele ka bangwe barui ba sa ye merakeng jaaka pele.

A re go na le mothale o mosha wa bogodu o mo go one magodu a dikgomo a tlhaola dinamanyane tse di iseng di tshwaiwe mo go bommaatso ba bo ba baya lotshwao lwa bone ba di tshuba ka tshipi ya bone di santse di le dinnye. A re bogodu joo ba bo bone kwa Maralaleng le Omaweneno.

Babelaelwa ba tshwerwe morago ga gore barui bangwe ba bege fa matsetsi a bone a boile kwa mafudisong a sena le marole. Mme morago mapodisi a utlwa moshwadile ka bangwe ba ba boneng babelaelwa ba thiba marole ka dipitse.

A re morago ga go longwa tsebe mapodisi a ne a tsiboga mme  ba fitlhela dinamanyane tseo di tlhatlhetswe mo lesakeng la mosadimogolo kwa morakeng wa Kuwe.

Rre Tlhapi-David o tlhalositse gore e re le ntswa dinamanyane tseo di le mo lesakeng la mapodisi, barui ba le babedi ba setse ba supile gore tse pedi ke tsa bone morago ga go tsisa bosupi. Morui yo mongwe a tsile ka mmaayo mme namane ya anywa. 

A re dinamane tseo go lebega e le tsa meraka e e farologaneng  mme tse dingwe ga di ise di bone beng. Ka jalo mogolwane wa mapodisi o kopa barui ba ba ntseng ba sa bone dinamanyane tsa bone go tla go tlhodumela go bona gore a ga se tsa bone.

A re mo nakong eno, dipatlisiso di supa gore babelaelwa ke la ntlha ba dira molato oo mme fa ka ba bonwa molato ba ka atlholelwa dingwaga tse di seng ka fa tlase ga botlhano mo kgolegelong mme di sa fete lesome. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Interview

Date : 29 Apr 2020