Breaking News

Khansele potlana ya Mahalapye e sekasekile malapa a le 12 526

26 Apr 2020

Malwapa a le 12 526 mo metseng e le 29 kwa kgaolong potlana ya Mahalapye a setse a sekasekilwe ke ba boipelego.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o tlhaloseditse BOPA gore mo malwapeng a 12 526, go kwadisitswe a le 10 952 gore ke one a tlaa abelwang dijo mo nakong eno ya kiletso mesepele go lwantsha kanamo ya segajaja sa COVID-19.

Rre Merementsi a re ba boipelego ba tsweletse ka ditshekatsheko le kwadiso ya malapa mo metseng e e setseng.

"Re simolotse go abela malwapa a a kwadisitsweng morago ga go sekasikiwa ke ba boipelego, ka Labone. Re setse re simolotse go aba kwa metseng ya Tobela le Taupywe. Se re se dirang ke gore, dijo tse di a kgobokanngwa a bo di isiwa kwa malwapeng a a kwadisitsweng go netefatsa gore batho ga ba ye go tlala kwa marekisetsong ka gore ba tshwanetse go nna mo malwapeng," Rre Merementsi a tlhalosa.

"Re setse re bone dimausu le mabentlele a a tlaa re thusang ka dijo mo tirong e. Le bone re ba kopile go tsaya makwalo kwa ofising ya rona gore e re ba bua le ba marekisetso a matona go ba thusa ka dijo tsotlhe tse di tlhokegang, ba bo ba na le sesupo sa gore ba na le tumalano le rona ya go re thusa ka dijo," Rre Merementsi a kaya.

O supile fa ba boipelego ba ne ba patelesega go aba dijo gone fela foo, mo malwapeng a le 138 a ba fitlhetseng seemo sa one se tlhokana le thuso ya dijo ka potlako, fa ba tsweletse ka ditshekatsheko.

"Ke na le tsholofelo e ntsi ya gore mo bekeng e e tlang, re tlaabo re setse re weditse go sekaseka le go kwadisa malwapa otlhe a a mo metseng e setseng ya kgaolo. Re tlaabo jaanong re simolola go tswela kwa ntle, re ya go dira ditshekatsheko kwa masimong le meraka," Rre Merementsi a tlhalosa.

Go tlhofofaletsa ba boipelego tiro, Rre Merementsi o kopile banni ba Mahalapye go nna mo malwapeng, go itsa gore ba seka ba boela malwapa a go fitlhetsweng beng ba one ba seyo.

Rre Merementsi o tlhalositse fa malwapa otlhe a ba boipelego ba fitlhelang go sena ope, a tlaa boelwa go sena go wediwa tshekatsheko ya malapa otlhe mo kgaolong.

A re mo nakong ya gompieno, ba boipelego ba le 132 ke bone ba tsweletseng ka go dira ditshekatsheko le kwadiso ya malwapa kwa kgaolong.

Mo badiring botlhe ba, a re ba le 70 ke badiri ba sennela ruri, ba le 57 ke badiri ba ba thapilweng ka nakwana ba ba weditseng dithuto tse dikgolwane, ba le bane ke badiri ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, fa a le mongwe e le modiri wa kokelwana ya bana ya Baylor. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 26 Apr 2020