Francistown a golola bakgweetsi ba le masome mabedi le bone
25 Apr 2020
Mogokaganyi wa tsa botsogo kwa Francistown, Mme Rose Monyere, o boletse fa bakgweetsi ba le masome a mabedi le bone ba dikoloi tsa bone di rwalang dithoto tsa ditirelo tse di botlhokwa go kgabaganya melelwane ba golotswe mo kwarantining bosheng.
Mme Monyere o boletse mo potsolotsong fa bakgweetsi bao e le bontlha bongwe jwa bakgweetsi ba ba masome a supa le bongwe ba ba leng mo kwarantining kwa Francistown.
A re thulaganyo eo ke nngwe ya ditsela tse puso e lekang ka tsone go thibela bolwetse jwa COVID-19, mme ga gona ope wa bakgweetsi bao yo a fitlhetsweng ka mogare wa corona.
Mo godimo ga moo, Mme Monyere o boletse fa bontsi jwa bakgweetsi ba ba mo kwarantining e le Batswana, fa manotonyana fela ele batho ba Aferika Borwa.
O boletse fa thulaganyo ya go tlhatlhoba bakgweetsi ba dikoloi tse di rwalang dithoto tsa ditirelo tse di botlhokwa e tlaa nna selo modiro mme ebile ba ba tlaa fitlhelwang ba na le mogare wa corona ba tlaa seegelwa kwa thoko jaaka e le tsamaiso. BOPA
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 25 Apr 2020