Breaking News

Mapodisi a mo patlong ya rre mongwe

25 Apr 2020

Mapodisi a serowe a mo patlong ya rre mongwe wa dingwaga tse di masome mane yo go belaelwang a amega mo ditirong tsa borukutlhi jwa go thuba matlo a bo a utswa.

Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o boletse mo potsolosong gore mapodisi a ne a longwa tsebe ke mongwe a bolela fa rre yoo a belaetsega mme e rile fa mapodisi ba tsena kwa lefelong le rre yoo a nnang teng kwa kgotleng ya Ramakolo kwa Serowe a bo a inaya naga.

A re mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi yo o tlholegang kwa Chadibe yo o neng a nna le rre yoo, o thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong.

Superintendent Oteng o boletse fa e rile mapodisi ba tsweletse ka ditlhotlhomiso ba phuruphutsha ntlo ya rre yoo ba bona dithoto tse di akaretsang diaparo, ditlhako, dikobo, megala ya letheka, di DVD player, ditshwantsho tsa motshikinyego (televisions) le didirisiwa tse dingwe tsa mo tlung.

A re mo tirong ya bone ya go phuruphutsha, mapodisi ba ne gape ba fitlhela dilotlolo (keys) tse di farologaneng tsa matlo tse go belaesegang fa di ne di dirisiwa go bula matlo a batho.

Supt Oteng a re mo dikgweding tse di fetileng ba ne ba itemogela fa ba nnile le dikgang tse di lesome le borataro tsa go thubiwa ga matlo tse di neng tsa begiwa kwa go ba sepodisi mme ba na le dipelaelo tsa gore rre yoo a ka tswa a amega mo go tsone.

O kopile setshaba go ikgolaganya le ba sepodi ka mogala go thusanya mo ditlhotlhmisong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 25 Apr 2020