Breaking News

Bagwebi ba abela babega dikgang

24 Apr 2020

Moemedi wa bagwebi ba letso la India kwa Tsabong, Rre Bhavesh Brahmhatt, a re babega dikgang ba botlhokwa ka ba babalela matshelo a setshaba ka go ba fa dikitso. 

A re ba itsise setshaba ka tsotlhe tse di diragalang mo lefatsheng leno le lefatshe ka bophara, bogolo jang mo nakong e ya segajaja sa COVID-19.

Rre Brahmhatt, yo gape e leng moeteledipele wa marekisetso  a Trans Africa, o buile mafoko a maabane fa bagwebi  ba ne ba abela babega dikgang ba lephata la dikitsiso le kgaso mephuthelwana.

Mephuthwalana eo e akaretsa dinotsididi, metsi le digaugau e le go lemoga botlhokwa le masisi a tiro e ba e dirang le go ba tiisa moko gore ba tswelele ba bereka ka natla.

A re babega dikgang ba lefatshe leno ba dira tiro e ntle thata, ka ba di goga kwa pele go lwantsha segajaja ka go tsibosa setshaba ka tse di tlhokafalang gore ba di dire go itshireletsa mo mogareng. 

Ka jalo a re ba tshwanelwa ke go tseelwa kwa godimo fela jaaka badiri ba botsogo, ba sepodisi, le ba sesole ka ba dira tiro e e ka felelang e tsentse matshelo a bone mo diphatseng.

A re ba bone go le botlhokwa go abela babega dikgang e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko mo tirong ya bone go tshwara ka thata ka ba bereka bosigo le motshegare.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa mo lephateng la dikitsiso kwa Tsabong, Mme Calviniah Kgautlhe, o ne a supa fa ofisi ya bobega dikgang jwa  e kgaogantswe ka maphata a mabedi e leng la kgaso le la dikitsiso mme ba na le badiri ba le masome a mabedi ba ba dirang ditiro tse di farologanyeng.

Mme Kgautlhe o ne a tlhalosa fa maitlamo a tebelopele ya lefatshe leno ya 2036 a supa gore setshaba se tshwanetse sa bo se rutegile ebile se na le kitso ya tlhwatlhwa ebile e le maleba mme e le ka ntlha ya bobega dikgang jwa motia.

A re ka jaana lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho e tona ya go lwantsha bolwetse jo bo diphatsa, o ne a supa fa babega dikgang e le bangwe ba maphata a puso a a haphegileng a a lebanweng ke go tshwara ka natla go itsise setshaba ka borai jwa mogare le go ikgapha mo go one.

Fa a leboga, molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi Rre Patson Dibotelo o ne a phophotha magetla bagwebi bao ka tiro e ntle e ba e dirileng mme se tla kgothatsa bobega dikgang go dira tiro ya bone go feta ka fa ba ntseng ba e dira ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Apr 2020