Banni ba Sankoyo ba akgola Wilderness Safaris
23 Apr 2020
Monni wa Sankyo kwa kgaolong ya North West, Mme Lenkemetse Ntayashoma, a re ke nako gore dikhamphane tse di gwebang kwa makgobokgobong a Okavango di tshologe puso mokgosi mo seemong sa segajaja sa COVID-19.
O buile jalo mo potsolotsong morago ga go amogela mophuthelo wa dijo le ba lelwapa la gagwe go tswa kwa khamphaneng ya Wilderness Safaris.
Mme Ntayashoma, yo a neng a tletse ka boitumelo e bile a sa kgale mathe go akgola Wilderness, o ne a tlhalosa fa puso e tshwaragane le namane e tona ya go lwantsha mmaba wa COVID-19 mme e ka se kgone go fenya kwa ntle ga kemo nokeng ya dikhamphane tse di ikemetseng.
A re dikhamphane tse di direlang kwa makgobokgobong di dira madi, mme a supa fa a dumela fa di ka kgona go supa seabe sa tsone ka go inola banni ba kgaolo mo isong mo nakong e e thata e.
A re Wilderness e tswa kgakala e belege banni ba Sankoyo, a re ke nako ya gore dikhamphane tse dingwe di tseye malebela.
Mme Ntayashoma a re fa nne dikeletso e le dipitse, dikhamphane tseo di ka bo di dirile thulaganyo ya gore tsone di tlamele banni mo metseng ee amegileng e le tsela nngwe ya go rola puso morwalo.
Khamphane e,e tshwaragane le lekgotla la Sankoyo Tshwaragano Development Trust go gweba mo lefelong la bone la bojanala.
Mogolwane wa lekgotla le la ditlhabolo, Rre Nkgololang Samakata o boletse fa ba na le thulaganyo ya go abela banni botlhe ba motse dijo mo nakong e e sa fediseng pelo.
A re e re ka mananeo mangwe a bone jaaka go duelela banana kwa dikoleng tse di kgolwane go amilwe ke seru sa COVID-19, ba dumalane go tsaya bontlha bongwe jwa madi a a mo dipolokelong go namola malwapa mo manokonokong a seru se se wetseng lefatshe.
O boletse fa ba ne ba beetse fa thoko P136 000 go duelela banana kwa dikoleng mme ba lemoga fa seo se tla pala ka jaana dikole di tswetswe mme ebile go sa tlhomamisege gore seemo se tla bepa leng.
Rre Samakata a re ba tlaa dirisa madi a a sa feteng P100 000 go rekela banni botlhe ba Sankoyo dijo, a tlatsa ka gore le ba kiletso mesepele e ba kganeletseng mo Maun batla akola dithuso tseo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : SANKOYO
Event : potsolotso
Date : 23 Apr 2020