Breaking News

Kereke e tsweletse ka thapelo

23 Apr 2020

E re le mororo kereke le yone e amilwe ke tlhagogo ya bolwetsi jwa COVID-19, e tsweletse ka thapelo.  


Mo potsolotsong le lekalana  la dikgang la BOPA, mokwaledi wa lekgotla la dikereke Moruti Gabriel Tsuaneng o tlhalositse fa bolwetsi jwa COVID-19 bo amile mongwe le mongwe. 

A re kereke e latlhegetswe ke go nna le bokopano ga maloko, selo se se botlhokwa thata, a tlatsa ka gore go tlhoka bokopano go ka kgoba marapo. 

A re le fa ditirelo tsa go kopana ka senama di emisitswe go thibela go anama ga mogare, kereke e tsweletswe ka go rapela le go fa bogakolodi mo go ba ba bo tlhokang. 

Moruti Tsuaneng a re ba rapelela balwetse, itsholelo ya lefatshe ga mmogo le badiri ba ba eteletseng pele ntwa kgatlhanong le segajaja se. 

O ne a re mailutlo a batho ka bontsi mo nakong eno a wela tlase, bangwe ba nna le letshogo, malwapa a amegile, ka jalo a re ba ntsha bogakolodi ba semoya le tshidilo maikutlo ka kakaretso. 

Fa a itebaganya le seabe sa kereke, o ne a re dikereke ka go farologana di tsweletse ka go kgobokanya go tsenya letsogo ka go neela. 

Mo godimo ga moo, o ne a re dikereke dingwe di ithaopile go ka neela dikago tsa kereke go ka dirisiwa ke puso fa go tlhokega go tlhokomelela ba ba amilweng ke bolwetsi teng. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 23 Apr 2020