Breaking News

Obamelang molao - kgosi

21 Apr 2020

Kgosi Nagano Martin wa Paje kwa kgaolong ya Legare a re banni bangwe ba santse ba tsamaya ka ditlhopha bogolo jang fa ba tswa kana ba ya masimo fa bangwe ba lesa bana ba saila mo gare ga motse.

A re le ntswa molaetsa o dule gore batho ba nne mo malwapeng le gore ba seka ba nna digongwana, bangwe ba santse ba ikgatholosa se.

Kgosi Martin o supile fa go setse go kile ga nna makgetho a le mantsi a gakolola banni go nna mo malwapeng ka ba ne ba saila mo motseng.

A re go rena kagiso mo motseng wa gagwe morago ga gore puso e emise thekiso ya majalwa ka nakwana go itebaganya le twantsho segajaja sa COVID-19, a tlatsa ka gore le fa go ka tswa go na le bangwe ba ba rekisang bojalwa ka bokukuntshwane, modumo o o neng o tle o utlwale ntateng ya nnotagi ga o sa tlhola o le teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PAJE

Event : Potsolotso

Date : 21 Apr 2020