Khansele potlana ya Tsabong e tsweletse ka tshekatsheko
21 Apr 2020
Khansele potlana ya Tsabong e tsweletse ka go sekaseka banni ba metse e e le masome mabedi le boraro mabapi le letlhoko la dijo.
Mokwaledi mogolo wa khansele, Rre Jimmy Mackenzie, o tlhalositse mo potsolotsong fa bontsi jwa batho ba kgaolo eo ba le dikobo dikhutshwane, mme ba bangwe e le ba ba itshetsang ka go iphataphatela, ka jalo khansele e tshwanelwa ke go potlakela go thusa ba ba tlhaelelwang ke dijo.
Rre Mackenzie o supile fa badiri ba boipelego ba le masome a mabedi le boferabongwe go akareditswe le ba le lesome le boferabobedi ba ba thapilweng ka nakwana, ba tsamaya ntlo le ntlwana.
Rre Mackenzie a re khansele e setse e thusitse batho ka dijo tsa P600 lelwapa le le lengwe, mme dijo di kgona go okediwa go lebeletswe seemo le bontsi jwa batho ba ba nnang mo lwapeng.
O supile fa beng ba mabentlele a dijo, dimausu le dibuchara ba tlaa bona sengwe ka jaana khansele e ba thapile go thusa batho ka dijo kwa metseng e ba leng kwa go yone, go tlhofofaletsa khansele tiro le go tlhomamisa go kganela kanamo ya mogare wa corona ka go isetsa Batswana dijo kwa malwapeng.
Rre Mackenzie a re malwapa a go fitlhetsweng a tlhaelelwa ke bonno a ne a thusiwa ka ditante. O supile fa ba tlhaelelwa ke dikoloi ka jaana seemo se patika gore go seka ga sukaganwa mo dikoloing.
O kopile banni go dirisana sentle le ba boipelego a re ba arabe dipotso ka boammaruri.
A re khansele e ipaakanyeditse go tswa ka ditharabololo tse setshaba se tlaabong se ngongorega ka tsone mabapi le ka fa go tswanentseng go thusiwa batho ka teng.
O kopile banni go nna mo malwapeng go letla ba boipelego go dira tiro jaaka fa go tshwanetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 21 Apr 2020