Banni ba atla thuso
21 Apr 2020
Banni bangwe ba metse ya Paje le Mabeleapodi kwa kgaolong ya Legare ba re ba itumeletse gore puso e tsere tshwetso go ba thusa ka dijo.
Ba re ba lebogela gore mmaboipelego yo o direlang kwa metseng ya bone o setse a ba sekasekile.
Mongwe wa banni ba Paje, Rre Kenanao Sesinyi, yo o neng a tshela ka go dira ditiro tsa nakwana a re o tletse boitumelo ka jaanong a na le tsholofelo ya gore lelwapa la gagwe le tla a bona dijo.
A re o ne a tsenwe ke boitlhobogo jwa gore ga a na go bona madi a a ka batlang dijo ka puso e ne ya emisa metsamao go thibela kanamo ya segajaja sa COVID-19.
A re tshwetso e puso e e tsereng ya go ba thusa ka dijo e maleba ka ba sa tlhole ba kgona go itirela madi ka ba nna mo malwapeng.
Mme Obolokile Keitatole wa Mabeleapodi le ene o ne a tlhalosa fa a itumeletse thuso ya puso mme a supa ngongorego ya gore go tsaya sebaka gore dijo tseo di goroge ka a setse a feletswe. A re o ne a tshela ka lenaneo la Ipelegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : potsoloso
Date : 21 Apr 2020