Mapodisi a tshwere ba Zimbabwe ba le babedi
20 Apr 2020
Mapodise a Charleshill erile ka Labotlhano mo mosong ba tshwara mme le rre ba letso la Zimbabwe kwa Charleshill ntateng ya go tlhoka dipampiri tse di ba letlang go nna mono.
Mookamela Mapodise a Charleshill, Superintendent Lefa Kareng o boleletse lekalana la dikgang la BOPA bosheng gore ba tshwere mme wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe le rre wa dingwaga tse di masome mabedi le le bofera bobedi ba Zimbabwe.
A re bobedi joo bone bo na le ngwana wa bone wa ngwana le dikgwedi tse di lesome le bongwe mme ngwana yoo o ne a neelwa nkukuagwe yo o nang le dipampiri tsa go nna mo Botswana mme a nna kwa Charleshill. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Ghanzi
Event : Interview
Date : 20 Apr 2020