Ba Botsogo ba tlaa Latedisa ba ba Amaneng le ba ba Tshwerweng ka Mogare wa Corona
19 Apr 2020
Mogokaganyi wa komiti e e romilweng go lwantsha bolwetse jwa COVID –19, Dr Kereng Masupu a re ba tsere tshwetso ya go latedisa botlhe ba go supegang ba amane le ba ba tshwerweng ka mogare wa corona. Lenaneo leo, le solofetswe go simolola Moranang a tlhola masome a mabedi.
Dr Masupu o buile jalo a lekodisa Batswana ka seemo sa bolwetse jwa COVID –19 ka Moranang a tlhola lesome le boferabongwe a re ba dira jaana morago ga go lemoga gore mogare wa corona o setse o aname le Botswana. O supile gore kwa tshimologong, bolwetse bo ne bo utlwalelwa mo mafatsheng a mangwe, mme kgabagare jwa anamela mo Botswana jaaka mo nakong eno go tlhomamisitswe gore batho ba le masome mabedi ba na le mogare wa corona.
Dr Masupu are seemo seo se pateleditse ba botsogo go fetola kgapetsakgapetsa maano a go lwantsha bolwetse.
A re batho ba ntlha go tshwarwa ka mogare ba ne ba tswa kwa mafatsheng a mangwe a a neng a setse a amilwe ke mogare mme mo nakong eno go na le bangwe ba ba tshwerweng ka mogare mme ba ise ba ye kwa mafatshe a sele.
“Bangwe ba tsere mogare mo go ba ba neng ba tla ka one mme ba o anamisetsa mo go ba bangwe. Re lemogile gore bao le bone ba setse ba kopane le bangwe, ka jalo go tsisa letshogo la gore le bone ba ka tswa ba anamisitse mogare,” Xga tlhalosa Dr Masupu.
A re seemo se, se gwetlha ba botsogo go ema ka dinao go tsoma botlhe ba ba ka tswang ba amane le ba ba tshwerweng ka mogare.
Mothusa mogakaganyi wa komiti eo, Professor Mosepele Mosepele a re go lemotshega gore bangwe ba ne ba sa supe dikai ka nako e ba neng ba goroga mo Botswana, ka jalo ba anamisa mogare le fa mo go bone o ne o sa itshupe. “Go a kgonagala gore motho a nne le mogare wa corona, mme a sa supe dikai dipe,” Xga tlhalosa Professor Mosepele.
O ne a supa gore mo gae mogare wa corona o ka anamisiwa ke go etelana kana go tsaya mesepele. Professor Mosepele a re lenaneo la bone la pele e ne e le go lebagana le mafelo a e leng gore baeti ba gorogela mo go one ka bokete jaaka Gaborone le Francistown pele ba ka tsamaela kwa go a mangwe, mme dipalo tsa ba ba amilweng ke mogare ba o tsere mo go ba bangwe tsa ba lemotsha botlhokwa jwa go sala morago ba ba amanyng le ba ba setseng ba tshwerwe ka mogare. A re go na le kgonagalo ya gore bangwe ba ba tshwerweng ka mogare ba o anamisitse pele Xga go ilediwa Xga metsamao, ka jalo lenaneo le tlaa latela ba ba amaneng le bone.
O tsweletse ka go re mogare wa corona Xga o na kalafi, ka jalo ba ba tshwarwang ka one ba kgaphiwa mo setshabeng go itsa go o anamisa. Professor Mosepele o tlhalositse gape gore ba ba tshwerweng ka mogare Xga ba fiwe kalafi epe, ka jalo ba lwantsha mogare ka masole a mmele go fitlhelela ba fola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : Press conference
Date : 19 Apr 2020