Breaking News

Mapodisi a tshwenngwa ke go ratholwa ga majalwa a Setswana mo malwapeng

17 Apr 2020

 Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, a re ga ba robadiwe ke batho ba ba tsweletseng ka go intsha bo tsebe se utlwe ba ba tsweletseng ka go rathola majalwa a Setswana mo malwapeng le mororo thekiso eo, e santse e emisitswe ka go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Supt Jorowe a re ba setse ba gatisitse dikgang di le tlhano mo kgaolong ya Hukuntsi.

A re ka Moranang a tlhola malatsi a le lesome le botlhano, ba ne ba tshwara mosadi mongwe wa dingwaga tse masome matlhano le borobabobedi kwa kgotleng ya Ga-Khibana morago ga go fitlhelwa a rekisa khadi mo lwapeng.

A re mosadi yoo, o ne a fitlhelwa le ba bangwe ba babedi le monna a le mongwe, mme a atlholwa P500 fa ba neng ba phuthaganetse kwa ga gagwe bone ba ne ba atlholwa P100 mongwe le mongwe.

Mo kgannyeng e nngwe, Supt Jorowe a re ba itemogetse gore batho bangwe ba dule mo malwapeng ba simolotse go apeela majalwa kwa merakeng mme morago ba tle go a rekisa mo motseng fa bareki ba bangwe ba ba latela gone kwa merakeng koo.

A re morago ga go longwa tsebe, kgwedi eno e le lesome le bone ba ne ba fitlhela mme mongwe wa dingwaga tse di ka tshwarang masome mane le botlhano wa Hukuntsi yo o neng a fitlhelwa a apeile bojalwa kwa morakeng mme go belaesega  a bo rekisetsa bangwe kwa motseng ka bokukuntshwane.

Supt Jorowe a re ba ne ba atlhola mosadi yoo P500.

O ne a supa fa yo o palelwang ke go duela madi ao a tlaa lebanwa ke kgolegelo ya dikgwedi tse thataro.

Ka jalo, o ne a gwetlha barekisi ba bojalwa go iphapha mo go tloleng molao e seng jalo ba tlaa di gama ba sa di tlhapela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Interview

Date : 17 Apr 2020