Ba kopa gore go sekasekwe diteseletso
17 Apr 2020
Balemi-barui ba meraka le masimo a Lematswe mo kgaolong ya Kweneng Bophirima ba kopa gore go sekasekwe diteseletso tse ba di neelwang.
Ba buile jaana mo potsolotsong ba kaya fa malatsi a le matlhano a ba a fiwang a sa lekana go itebaganya le dikgwetlho tsa temo-thuo.
Modulasetilo wa lekgotla la barui ba dikgomo tsa nama mo kgaolong ya Kweneng, Rre Geoffrey Matsila a re nako e ba e fiwang e ba beile ka fa mosing, a tlhalosa fa 'tsamaiso ya temo-thuo e faraferwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhokomelo ya gangwe le gape ya dijwlo le mekento ya tlhokomelo leruo tse balemi-barui ba ka sekeng ba kgone go ka di itlhokomolosa, ka jalo go botlhokwa gore mabaka a rona a lejwe ka leitlho le le pharologanyo.”
Rre Matsila re le fa go ntse jalo, ba tlhaloganya fa tshwetso e ftserwe ka mabaka a go hema kanamo ya mogare wa bolwetse jwa COVID-19, mme a dumela fa mabaka a mhama wa temo-thuo a tlhoka go sekegelwa tsebe e se re gongwe wa phutlhamela ruri.
Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola balemi-barui go tlhomamisa gore ba tsenya thuto ya bolwetse jwa COVID-19 mo go ba ba thusang kwa merakeng le masimo gore go seka ga nna le ope yo o salelang kwa morago.
Mogolwane wa bakenti mo kgaolong ya Khumdumelapye, Rre Kerapetse Mosala ene o ne a kaya fa tlhokomelo ya leruo e na le bothata jwa yone ka jaana e dirwa ka dipaka.
Ka jalo, a re go tlaa ama barui thata ka jaana go ntshiwa ga teseletso go se motlhofo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Interview
Date : 17 Apr 2020