Wa mariga ba tlaa o ora ba Letlhakeng
17 Apr 2020
Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Joseph Segopa a re le fa go ne ga nna le tiego ya tshekatsheko ya ba ba tshwanetseng go rekelwa dijo le tsamaiso ya go di phakisa, thulaganyo ya go rekela ba ba sekasekilweng dijo e tsweletse.
Mo potsolotsong le BOPA kwa Letlhakeng Moranang a tlhola malatsi a le lesome le borataro, mokwaledi o supile fa ba dumalane gore ba rekele batho dijo kwa motseng wa bone, le go fa bagwebi ba dimausu sebaka sa go di phakisa.
O tlhalositse fa ba ikaeletse gore metse e e setseng e sekasekilwe e rekelwe dijo ka bofefo jo bo kgonagalang, a supa fa ba setse ba tsibogetse ba ba neng ba setse ba supile gore ba feletswe gotlhelele kwa Tsetseng.
Rre Segopa o tlhalosa fa ba sa eletse gore batho ba thusiwe ke bagwebi ba ba tswang kwa ntle ga metse ya bone.
Ntswa ba thusitse ba ba mo leshekereng, maikaelelo ke go simolola ka Letlhakeng kwa ditshekatsheko di setseng di dirilwe teng.
Mo go tse dingwe mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Mogomotsi Kesupile o tlhalositse fa motsamao wa batho o laolesega ka jaana batho ba tlhaloganya se se diragalang, a tlhalosa fa ba ba bonalang mo mebileng e le ba ba batlang go reka dijo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Interview
Date : 17 Apr 2020