MAPODISI GA BA JESIWE DIWELANG KE BATHO BA BA TLOLANG MOLELWANE
17 Apr 2020
Mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Berman July a re ga ba jesiwe diwelang ke batho ba ba tlolang molelwane ka bokukuntshwane mo nakong e ya segajaja sa mogare wa Corona.
Mo puisanyong le BOPA, Supt July o boletse fa ba tshwere banna ba le babedi morago ga go tlola molelwane mo nakong e ya kiletso mesepele.
O tlhalosa gore mo tiragalong ya ntlha monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone wa Vaalhoek, o ne a tshwarwa ke mapodisi kgwedi eno e le lesome le bobedi.
A re mapodisi ba ne ba kgaodisa motlhala wa monna yoo fa a tlola terata ya molelwane go ya Afrika Borwa, mme ba mo latedisa go fitlhelela kwa a ileng teng.
Supt July o boletse fa monna yoo a boleletse mapodisi fa a ne a ya go tsaya nama kwa masikeng a gagwe kwa lefatsheng leo.
Mo tiragalong ya bobedi, Supt July o boletse gore monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa Bokspits le ene o ne a tshwarwa fa a tlolela terata ya molelwane go ya Afrika Borwa.
Monna yo go bolelwa fa a supile fa a ne a ile go neela mmaagwe ngwana wa gagwe karata ya gagwe ya banka go ithusa ka yone.
Supt July o boletse fa banna bao ba ne ba lefisiwa sekete sa dipula mongwe le mongwe wa bone ka molato wa go tlola terata ya molelwane ka bokukuntshwane.
A re banna bao, ba ne ba rolelwa ba lephata la botsogo le boitekanelo go isiwa kwa kwarantining.
Le fa go ntse jalo, Rre July o akgotse banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba tsere molaetsa sentle wa go ikgapha kwa malwapeng le go katologana.
E re ka go na le metse e le mentsi e e bapileng le molelwane wa Afrika Borwa, o ne kopa setshaba go emisa go tlola terata, ka seo se ka felela se anamisa mogare wa Corona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Interview
Date : 17 Apr 2020