Batswana ba rotloediwa go duela metsi
16 Apr 2020
Motshwarelela Mookamedi wa koporase ya Water Utilities, Rre Gaselemogwe Senai a re le fa diofisi tsa koporase di tswetswe, o rotloetsa ba ba kgonang go dirisa maranyane go tswelela ba duela dikoloto tsa metsi.
Rre Senai o tlhalositse jalo a lekodisa setshaba ka maiteko a a dirwang ke ba koporase ya metsi ka metswedi ya dikgang mo tshokologong ya Moranang a tlhola lesome le borataro gore puso e tsere tshwetso ya gore ba ba neng ba kgaoletswe metsi ka mabaka a gore ba a kolota ba gokelelwe gore ba seka ba tlhoka metsi mo nakong e e thata ya go laola kanamo ya mogare wa corona.
A re le fa ba na le dikgwetlho ba tsere ka mashetla boikarabelo jwa go tokafatsa kanamiso ya metsi ka a le botlhokwa mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID–19.
Rre Senai a re ditlamelo tsa phatlalatso ya metsi di turu, ka jalo go botlhokwa gore ba ba kgonang ba tswelele ka go duela dikoloto go ba kgontsha tiro.
A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo jwa go somarela metsi gore a kgone go lekana mo nakong e a tlhokwang bobe.
O ne a lemotsha Batswana fa lefatshe le wetswe ke seru sa COVID–19 go ntse go na le selelo sa tlhaelo ya metsi, ka jalo go le botlhokwa go dirisa metsi ka kelotlhoko.
Rre Senai o supile fa go le turu go katolosa ditlamelo tsa kanamiso ya metsi, ka jalo a kopa kemonokeng ya Batswana go tlhokomela didirisiwa tsa kanamiso ya metsi ka gore tshenyo ya tsone e ka oketsa tlhaelo ya metsi.
A re mo nakong eno Batswana ba ba kolotang metsi ba feta 39 600 mme sekoloto sa bone se feta P600 000. Sekoloto seo ga se akaretse dikompone.
Rre Senai a re le fa go tserwe tshwetso ya gore ba ba kolotang ba gokelelwe metsi, ba tshwanetse ba lemoge gore molato ga o bole be tlaa tshwanelwa ke go duela fa ntwa ya COVID–19 e bepa.
“Re tlaa buisana le ba ba kolotang gore ba dire jang go phimola dikoloto tsa bone. Ke kopa gore re tswelele ka go buisana le go kgaola dikoloto tsa rona,” ga tlhalosa Rre Senai.
Rre Senai o tlhalositse gore koporase e lemoga gore dikopo tsa batho ba ba emetseng go gokelelwa metsi mo malwapeng di saletse kwa morago, mme seo se gakadiwa ke tlhaelo ya madi.
Le fa go ntse jalo, a re ba tlaa fefosa tsamaiso ya go phutha dikoloto gore ba bone madi a go tswelela ba tlhabolola ditlamelo tsa phatlalatso ya metsi le gone go gokela ba basha ba ba ikopetseng.
Mo maitekong a go tokafatsa tsamaiso ya go isa metsi kwa setshabeng, Rre Senai a re ka thuso ya dikhamphani ka go farologana, ba okeditse dikoloi tse di sielang setshaba metsi.
A re koporase ya metsi e tlhaloganya botlhokwa jwa go thibela bolwetse, ka jalo e tlaa tlhomamisa gore setshaba se bona metsi gore se kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a phepa le molora jaaka ba botsogo ba rotloetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Serowe
Event : Press Conference
Date : 16 Apr 2020