Mapodisi a tlhotlhomisa leso la mosadi
16 Apr 2020
Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa New Xade a tlhokafetseng malatsinyana morago ga go nwa khadi.
Fa a bua le lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi, Rre Lekone o boletse gore moswi le ba bangwe ba batlhano, ba ne ba anwa khadi ya mogwana kgwedi eno e rogwa mme morago ba simologelwa ke go tshabisega le go kgwa.
A re ba bangwe ba ne ba tokafala morago ga malatsi, mme moswi ene ga pala.
O tlhalositse gore go tlhalosega gore moswi o ne a ya kwa kokelwaneng ya New Xade, seemo se ntse se sa tokafale.
A ne e rile kgwedi eno e le lesome, a boela gape kwa kokelwaneng eo mme ba mo fetisetsa kwa kokelong ya Ghanzi, ka seemo se ne se tsere phekelo e sele.
Rre Lekone a re e ne ya re morago ga go lala bosigo bo le bongwe kwa kokelong a tlhokafala.
A re moswi o kwa setsidifatsing sa kokelo ya Ghanzi go tlhatlhojwa go bona se se ka tswang se bakile leso la gagwe.
Mo go tse dingwe,Rre Lekone a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana le le dingwaga tse di masome mabedi le bobedi a fitlhetsweng ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane bosheng.
A re lekawana leo le ne la emisiwa ke mapodisi go batla teseletso ya go tswa mo lapeng mme ya re go bona a sena pampiri e, ba mo phuruphutsha mme ba fitlhela setlhatshana seo mo pateng ya borokgwe e e kwa morago.
A re lekawana leo le ne la gololwa mme ba santse ba rometse setlhatshana seo kwa Gaborone go ya go sekasekwa sentle go tlhomamisa gore ke eng. END
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Interview
Date : 16 Apr 2020