Ba gakololwa go ipaakanyetsa kgonagalo ya merwalela
15 Apr 2020
Molaodi wa Kgaolo ya Bokone Bophirima Rre Keolopile Leipego a re ntswa go tshela ga noka ya Okavango go tsisa boitumelo, banni ba kgaolo eo, ba nne malala a laotswe ka go na le kgonagalo ya merwalela e e ka bakang tshenyo.
O buile se ka Labobedi morago ga gore khuduthamaga ya Kgaolo ya Bokone Bophirima e tseye loeto ka difofane tse pedi go bona selekanyo sa metsi ao, le go etela motse wa Kauxwi.
Loeto le ne le rotloedietswe ke bangwe banni ba ba ipitsang Project Sanitize Maun.
Rre Leipego o tlhalositse fa noka ya Okavango e tshetse ka mmetela ngwaga ono mme go setse selekanyo se se kae gore e tlale mo e penologang.
Molaodi o ne are banni ba kgaolo eo ka bontsi ba itshetsa ka dijo tse di tswang mo nokeng, gape e rotloetsa bojanala jo bo thusang batho ba kgaolo eo.
Le fa go ntse jalo o ne a re go botlhokwa gore batho ba thuse boeteledipele ka go nna malala a laotswe ka gore noka eo fa e tlhatsa e kgona go baka ditshenyegelo mo metseng mengwe.
O tlhalositse fa motse wa Etsha 13 e le mengwe ya e e amegang fa sediba sa motse oo se ka amiwa ke merwalela.
Fa a rola pego ya seemo sa metsi, Molaodi wa Kgaolo potlana ya Okavango, Rre Thabang Waloka o ne a supa fa metsi a a mo Okavango a ne a le selekanyo sa 3.080 mme mafelelo a noka eo e le 3.5 ka jalo go setse selekanyo sa 0.420 gore noka eo e tlhatse mo e ka bakang merwalela.
Rre Waloka o ne a supa fa kgaolo potlana eo e ipaakanyeditse seemo sa merwalela fa se ka nna teng.
A re Kauxwi, Ikoga, Etsha 13, Xhakao le e mengwe ke mengwe ya e e ka amiwang ke seemo seo.
Kgosi Simon Kambango wa Kauxwi o ne a supa fa go tshela ga noka ya Okavango go tsisa boitumelo mo banning ba kgaolo ya bone, bogolong jang ka ba bapala dilo di le dintsi mo e bile leruo la bone le e nwa metsi mo nokeng.
O ne a re motse wa bone ga o amege thata jaaka metse e e mabapi e tshwana Xhakao.
Mongwe wa bagwebi mo Okavango, Rre Guy Lobjoit wa Guma Lagoon Camp o ne a tlhalosa fa go tlala ga noka ya Okavango e le boitumelo mo go bone e le bagwebi ka ba tla a kgona go fa ditirelo di tshwana le mesepele ya mekoro.
O ne a re kgwebo ya bone e na le balatedi ba bantsi mo gae le mafatshe a a mabapi ka jalo ba solofela fa seemo sa bolwetse ja COVID-19 se tla a feta gore ba boele mo kgwebong ya bone.
A supa fa ba setse ba latlhegetswe ke balatedi ba kgwedi tse pedi ba ba tlosolositseng maetlo a bone, mme a re go tshela ga noka eo ke tsholofelo. BOKHUTLO.
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Interview
Date : 15 Apr 2020