Breaking News

Monna o ipolaile ka go itiga mo kagong

15 Apr 2020

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone molwetse wa tlhaloganyo a neng a itiga a ba a tlhokafala kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe bosheng.

    Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro, Superintendent Poloko Oteng o ne a re ba ne ba amogela pego go tswa kwa kokelong eo, kwa ba bongaka ba neng ga rurifatsa fa rre yoo wa dingwaga tse 41 a tlhokafetsemmorago ga go itatlha go tswa kwa letlhatlaganyaneng la boraro.

Go ya ka mogolwane wa mapodisi, moswi yo o tlholegang kwa Paje go lebega a ne a nwa dipilisi tsa gagwe go fetisa selekanyo se se beilweng, selo se se neng sa baka tlhoka kutlwisisanyo le mmaagwe.

Morago o ne a tsogologela mmaagwe, a mo tlhaba ka sengwe se se bogale, mme a ragosediwa kwa Sekgoma kwa a sidilegang teng.

Setopo se mo setsifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka. PHELELO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Interview

Date : 15 Apr 2020