Baapei ba majalwa ga ba kgalemelesege
14 Apr 2020
Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re ba tshwere batho ba le masome mabedi le bosupa ba rekisa majalwa a setso ka bokukuntshwane, seemo se se kgatlhanong le maiteko a go fokotsa metsamao e e gakatsang kanamo ya mogare wa corona.
Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, Rre Oteng o ne a re ba ba tshwerweng ba tlaa lefisiwa madi a a fa gare ga P500 le P1 000. A re ba ba palelwang ke go duela gone foo ba tlaa ba tshegetsa mo ntlong lefitshwana.
A re go a tshwenya gore ntswa lefatshe le lebanywe ke mathata a corona, bangwe ba bo ba itlhokomolositse seemo se ka go tswelela ba dira majalwa a tshwana le khadi, mokuru le setopoti, selo se se sa siamelang seemo sa gompieno.
Rre Oteng a re ba lemogile bothata jo kwa Serowe le metse e e mabapi.
A re go a tshwenya gore ntswa ba lopa madi le gone go gapa majalwa ao, batho bao ba tswelela ba ipoeletsa ba dira molato.
Mogolwane o kaile fa dikgang tse dingwe jaaka go thuba mo matlong, dikgwebo le dikgang tsa thubetso di fokotsegile thata mo kgaolong ya Serowe.
Ramapodisi o kopile batho go tsaya dikgakololo tsa ba botsogo le go obamela melawana ka tlhoafalo e kgolo ka gore bolwetse jwa COVID-19 ke sebetsa se se maswe se batla maiteko a botlhe go hema kanamo ya mogare.
Le fa go ntse jalo, BOPA e lemogile fa batho ba tsweletse ka go ya marekisetsong fa gongwe motho a ela go reka borotho fela bo le bongwe kgotsa tamati le kwiii fela, selo se se bakang mela le go kgobokana kwa marekisetsong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Interview
Date : 14 Apr 2020