Mosadi o belaelwa a sentse boimana
14 Apr 2020
Mapodise a Kang a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe wa kgotla ya Ga-Sekgalo kwa Kang a belaelwang gore o sentse mpa.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, a re ka Labotlhano ba kokelwana ya Kang ba ne ba ba begela fa ba na le mme mongwe yo ba belaelang a lekile go ipelegisa mme maiteko ao a folotsa.
A re go ya ka ba bongaka e ne ya re fa mmelaelwa a tlhatlhojwa a belaelwa mme a robadiwa gore a bewe leitlho mme ya re mo nakong e e sa fediseng pelo, mme yoo a tsogelwa ke ditlhabi a belega losea lo lo tlhokafetseng, gape lo sena letsogo, ntswa a ne a latotse boimana.
A re ba bongaka ba tlhalosa fa go tlhoka letsogo ga ngwana go ne ga ba tlhobaetsa ka jaana bogole jwa teng bo ne bo sa sa supe e le jwa tlholego.
Supt Chingabe a re morago mapodisi ba ne ba ya go phuruphutsha kwa ntlong ya mme yoo, kwa ba neng ba feta ba fitlhela lebogo la losea le phuthilwe ka pampitshana e e dirisiwang kwa ntlwaneng.
Le fa go ntse jalo, a re serepa se santse se tshegeditswe mo setsidifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka go tlhomamisa se se ka tswang se bakile loso lwa losea, fa mosadi yoo ene a le kwa lwapeng go fitlhelela ditlhotlhomiso di wela.
Supt Chingabe a re fa ditlhotlhomiso tsa sepodisi di ka supa fa mme yoo a ne a le mo maikaelelong a go senya boimana o tlaa lebisiwa molato wa go bolaya ngwana yo o iseng a tsholwe mme a lebanwe ke kotlhao ya botshelo jotlhe mo kgolegelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : KANG
Event : Interview
Date : 14 Apr 2020