Mapodisi a tshwere ba le bane ka dikgomo tse di belaetsang
14 Apr 2020
Mapodisi a Kang a tshwere banna ba le bane mabapi le go fitlhelwa ka dikgomo di le masome mabedi tse go belaelwang e le tsa bogodu kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi.
Go bolelwa fa dikgomo tseo di tswa kwa kgaolwaneng ya New Xanagas kwa Ghanzi, mme banna bao ba ne ba leka go di fetisetsa kwa kgaolong ya Kweneng kwa ntle ga bosupi bope jo bo papametseng gore ba di tsaya kae.
Mo potsolotsong le mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, o ne a tlhalosa gore mo dikgomong tseo go setse di le lesome le boferabobedi fela, morago ga gore tse pedi di fitlhelwe di gobetse ka nako ya fa di folosiwa mo terakeng mme tsa felela di sule.
A re ba belaelwa bao, yo mongwe o dingwaga di masome mararo le boraro mme o tlholega kwa Mmopane mo kgotleng ya Letsetlhane, fa yo mongwe a le dingwaga di masome mane le borataro go tswa kwa Mogoditshane mo kgotleng ya Makata, yo mongwe o dingwaga di masome mane le boraro a tswa Molepolole mo kgotleng ya Moitoinyana, fa wa bone a le dingwaga di masome mararo le boferabongwe mme a tlholega kwa Mogoditshane Block 9.
Supt Chingabe a re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa dikgomo tseo di tswa kwa kgaolwaneng ya New Xanagas, mme borre bao, ba ne ba sa di kwadisa ka fa thulaganyong e e lolameng ya go fudusa loruo go tswa mo kgaolong go ya kwa go e nngwe.
A re go supa fa borre bao ba ne ba kwadisa dikgomo tseo fela kwa lekgotleng la New Xanagas kwa ntle ga go itshwaraganya le ba sepodise jaaka e le tshwanelo.
Le fa go le jalo, a re borre bao, ba ne ba gololwa mme ba letsholo la KgomoKhumo kwa kgaolong ya Ghanzi ba ne ba rolelwa kgang eo go e latedisa.
O ne a kopa barui ba ba timeletsweng ke dikgomo go tswa New Xanagas le tikologo go ikgolaganya le mapodisi a a gaufi kgotsa go tla go bona dikgomo tseo kwa Kang.
E re dikgang di eme jalo, Supt Chingabe o supa gore fa e sale go tlhongwa seemo sa kiletso mesepele, go nnile le kwelo-tlase ya dikgang tsa borukutlhi.
A re ba tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba saila mo mebileng ya Kang, bogolo jang banana, kwa ntle ga mabaka ape.
Supt Chingabe a re ba setse ba atlhotse batho ba le masome mararo le bongwe ba dingwaga tse di lesome le bosupa go ya kwa go masome a mararo le boferabobedi mabapi le go sasanka.
A re ba ne ba tshwara batho ba le bararo ba ba neng ba apaya bojwala jwa Setswana mo malwapeng, fa ba le babedi ba ne ba tshwarwa morago ga go fitlhelwa ba rekisa bojalwa kwa ntle ga teseletso, mme ba atlholwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula.
Supt Chingabe o gakolotse setshaba gore fa motho a sa obamele molao wa COVID-19, o ka atlholwa P100 000 kana kgolegelo e e sa feteng ddingwaga tse tlhano.
O supile fa ba tshware phage ka mangana mabapi le batho ba ba batlang diteseletso mme ba sena mabaka a a nonofileng.
A re kiletso mesepele ga se go baya batho ka fa mosing, ke go leka go babalela matshelo a bone ka jaana bolwetse bo kekela ka monokela. END
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : KANG
Event : Interview
Date : 14 Apr 2020