Breaking News

Molaodi o akgola banni baKgalagadi Bokone

13 Apr 2020

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Hukuntsi o akgoletse banni ba Kgalagadi Bokone go obamela ditaelo tsa go fokotsa metsamao mo metseng morago ga go tlhongwa ga seemo sa tshoganetso sa kiletso mesepele, e le tsela nngwe ya go thibela kanamo ya mogare wa corona.
Mo puisanyong le BOPA, Mme Segomotso Nkwane a re mo malatsing a ntlha ba ne ba tshwere phage ka mangana ba leka go kgapha batho mo mebileng, mme a re seemo se a nametsa ka jaana ba itemogela phetogo ya boitsholo ka metsamao e kgadile.
A re le fa go ntse jalo, o tshwenngwa ke seemo kwa Kang ka jaana go lebega banana ba santse ba bonwa ba saila mo mebileng le go kgobokana kwa marekisetsong le mororo ba sa reke dithoto dipe tsa botlhokwa.

O ne a ba rotloetsa go tswa mo malwapeng fela fa go tlhokafala, le go leka go amogela seemo sa phetogo ya matshelo e e diragetseng ka ponyo ya leitlho, e e bakilweng ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 mo Botswana.
Mo go tse dingwe, Mme Nkwane o supile fa ba tshwere ka natla go ema kgatlhanong le go lwantsha le go thibela kanamo ya mogare wa COVID-19 e bile ba tlhomile dikomiti tse di tlaa thusang ka ditirelo tsa botsogo mo metseng le metsana e e kgakala le ditlamelo.
A re maikaelelo a dikomiti tseo ke go thusa go atolosa dithuto ka bolwetse mo setshabeng, mme ba tlaa dira jalo ka go tsena ntlo le ntlwana ba rutuntsha batho.
O ne a supa gape fa ba lebanwe ke kgwetlho mo kgaolong ya Matsheng ka jaana banni go tswa kwa Tshane, Lokgwabe le Lehututu ba tlamega go latela ditirelo di tshwana le tsa banka le marekisetso a magolwane kwa Hukuntsi.
O ne a ba gwetlha go reka mo marekisetsong a a mo metseng ya bone go itsa go ya go sukagana kwa mafelong a ba ka tshokanang ba tsenwe ke mogare.
O ne a gwetlha setshaba go tswelela ka go iphapha ka go nna mo malwapeng go babalela matshelo a bone le ba malwapa. END

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : interview

Date : 13 Apr 2020